Breaking News

Lekalana le agela banni ofisi

19 Oct 2017

Lekalana le le ikemetseng le le itsegeng ka go lwantsha le go thibela bolwetse jwa Malaria segolo jang mo metseng e e gaufi le melolwane, la Humana People to People le tlhofofaleditse banni ba kgaolwana ya RAMOJAKGA mosepele ka go ba neela ofisi segautshwane go ba tlhatlhobela bolwetse jwa malaria, go alafa  ga mmogo le go lwantsha tse di ka tsenyang botsogo jwa bone mo diphatseng tebang le bolwetse jwa Malaria.

Lekalana leo, le butse ofisi mo kgotlaneng ya legare kwa Ramokgwebana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng, go thusana le metse ya kgaolwana ya RAMOJAKGA, e e akaretsang Ramokgwebana, Moroka, Jackalas 1 le Kgari.

Ba lekalana leo ba supile fa maitlamo magolo a bone e le go lwantsha le go fedisa gotlhelele bolwetse jwa Malaria jo bo tsweletseng ka go tshwenya mo mafelong mangwe, segolo jang mo metseng e e gaufi le molelwane.

Mo pulong semmuso ya ofisi eo, mothusa moeteledipele wa lekalana leo, Mme Shana Kebonang, o tlhalositse fa lekalana la Humana People to People e le la setshaba ka jalo ba itlama go ema nokeng le go direla setshaba ka botswapelo go bona gore ga go matshosetsi ape mo botsogong jwa bone, segolo jang mo dikgannyeng tsa bolwetse jwa Malaria.

A re ba ikemiseditse go emelelana le dikgwetlho tsotlhe tse di amanang le bolwetse jo,  segolo jang mo metseng ya RAMOJAKGA e e gaufi le molelwane wa Zimbabwe.

A re lentswa lekalana la bone le ikaegile ka dithuso tsa madi go tswa mo pusong, le mo makalaneng a a farologaneng ba akaretsa le lefatshe la America, ba tlhomile matlho thata mananeo a le mararo,  a akaretsa la Hope Humana le mo go lone  ba isang ditirelo tsa bone  ntlo le ntlwana go tsisa tshepho mo matshelong a Batswana ga mmogo le go kgaolela mosepele ba ba sa kgoneng go ikgogela kwa dikokelwaneng.

Mme Kebonang o tladitse ka go re mo maetong a bone mo malwapeng, ga ba ise ditirelo tsa bolwetse jwa Malaria fela, mme ba thusa go rarabolola dikgwetlho tse ba di fitlhelang mo malwapeng ka go farologana.

O ne a kgothatsa banni go inaakanya le ba lekalana la Humana People to People go tsaya ditlamelo le gone go itlhatlhoba nako e sa le teng go thibela bolwetse jwa Malaria.  

Mooki wa kokelwana ya Ramokgwebana, Rre Bakani Timothy o  gwetlhile banni ba kgaolwana ya RAMOJAKGA go thusana le ba lekalana la Humana People to People ka go phepafatsa malwapa, go begela ba koporase ya metsi fa go na le metswedi ya metsi a a elelang, go katela metsi a a itshekileng ka a oka  montsana le monang o o  bakang bolwetse jwa Malaria.

O ne a ba rotloetsa go nna kelotlhoko le gone go tsaya dikgato fa ba na le dipelaelo ka botsogo jwa bone, kana fa ba itemogela dikai dingwe tse di gogelang kwa bolwetseng jwa Malaria jaaka tlhogo e e opang, go feroga dibete, letlhajwa, go lapa mo go feteletseng le tse dingwe.

Rre Timothy o ne a rotloetsa banni ba metse e go emisa go tshaba sepatela,  segolo jang borre.

A re ga ba jesiwe diwelang ke ba ba sa berekisaneng sentle le ba lekalana bogolo jang fa go tla nako ya go tshela melemo e e lwantshang monang mo malwapeng, a tlatsa ka go re bangwe ba gana go bula matlo ka jalo a ikuela mo go bone go dirisana sentle fa nako eo e goroga.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Dr Dominique Mukengeshayi a re ba tlaa thusana le ba lekalana leo go fedisa bolwetse jwa Malaria mo kgaolong.

O gwetlhile  morafe go ema ka dinao go lwantsha bolwetse jwa Malaria e seka ya nna tiro ya ba lekalana leo fela.

Banni ba lebogetse ba lekalana la leo go bo ba iphile nako go ba namola mo bolwetseng jwa  Malaria pele bo ka gapela bangwe matshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : RAMOKGWEBANA

Event : Potsolotso

Date : 19 Oct 2017