Breaking News

Marumoagae o lekalekana le borre

19 Oct 2017

Maloba  jale,go ne go na le ditiro dingwe tse di neng di tlwaelesegile go dirwa ke borre fela ka mabaka a mashetla a di neng di a tlhoka.

Le fa go ntse jalo, go setse go lemotshegile gore ga go thona go bona motho wa mme a itepatepantse le ditiro tse di neng di dirwa ke bo rre.

Se se rurifaditswe ke Mme Oakantse Marumoagae wa Tonota, yo o dingwaga tse di masome mararo le botlhano yo o inaakantseng le kgwebo ya go loga le go nosetsa tshipi.

Fa a bua mo potsolotsong, Mme Marumoagae a tlhalosa gore e ne ya re go fatlhologeng  ga gagwe a nna le maitemogelo a a kwa godimo ka letlhoko la ditiro.

O supa fa a ne a ipolelela gore seo ga se kitla se mo itsa go tswelela mo botshelong ka a ne a itse sentle gore go ditsela tse di mmalwa tse a ka di dirisang go iphataphatela.

“Go dira ka tshipi ke tiro e e tlhokanang le maatla a mantsi, mme e bile e tlwaelesegile ka go dirwa ke borre.

Se se ne sa seka sa nkitsa go tsena mo go yone ka ke nna ke ithaopetseng ke lemogile gore e ka ntlodisa dinokana di tletse mo isagong,” a tlhalosa.

O ne a tlhalosa fa a ne a dira gore a eteletse lerato, boineelo le go ipeela seelo le maitlamo a go gweba ka tshipi le monoso e le motho wa mme.

Gape o tlhalositse fa go le pele a ne a simolotse ka go nna a lomaganya tshipi ka monoso mo lapeng a ithutuntsha, mme e ne ya re a lemoga bokgoni joo a ya go ithuta mo go tseneletseng kwa Madirelo Training Centre kwa Gaborone ka 2010.

“Ke ne ka dira dithuto tsa go nosetsa tshipi le go dira ka tshipi mme ya re ke wetsa dithuto tse, ka tlatsa go ithutela go dira ka madi ka nakwana kwa Mmadikole ka 2012,” a bua jalo.

O tlhalosa fa morago ga dithuto tsa gagwe a ne a ikgolaganya le dikhamphane di le mmalwa tse di nosetsang tshipi jaaka ya Freshman Project mo Tonota, go tsaya malebela go nonotsha kitso le thuto e a e anywileng kwa sekolong.

O tlhalosa fa ka nnete a ne a kwatabolotsa botsipa jotlhe jwa go dira ka tshipi mme mo ngwageng o o fetileng a batla go ikemela ka nosi.

“Ke ne ke utlwaletse ka lenaneo la bong gore le thusa batho go itshimolela dikgwebo mme ka ikatumeletsa kwa ofising ya Tonota go ya go tlhalosediwa ka tse di tlhokegang gore ke kgone go akola lenaneo leo,” a tlhalosa.

O ne a kwadisa kgwebo ya gagwe ya leina la Hofamit Investment a bo a tlatsa difomo tsa ikopelo dithuso tsa madi a lenaneo la bong ngogola.

Ka Hirikgong mono ngwaga, o tlhalosa fa kopo ya gagwe e ne ya atlega, mme a thusiwa ka P100 000.

A re go tloga ka letsatsi leo botshelo jwa gagwe bo ne jwa simolola go fetoga a kgona go reka tsotlhe go simolola kgwebo ya gagwe.

O dira dikotsekara, metshine ka go farologana e akaretsa e e phothang, diokomela bagwe, mabati ga mmogo le go baakanya tse di senyegileng.

O tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e dira sentle.

O lebogetse puso ka mananeo ka go farologana go leka go tlhabolola go nonotsha seemo sa itsholelo ya Botswana.

O tlhalositse fa a le motlotlo e bile a ipela ka lenaneo la bong go bo le fetotse botshelo jwa gagwe mme e bile a kgothatsa bomme go tlogela go tlhopha ditiro ba ipolelela gore ga ba kake ba dira ditiro tse di tlwaelesegile e le tsa borre.

A re bomme le bone ba na  le bokgoni go ka nna le seabe se se bonalang go godisa itsholelo ya lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TONOTA

Event : Potsolotso

Date : 19 Oct 2017