Dikotsi tsa A1 dia tlhorontsha
18 Oct 2017
Banni ba Radisele ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela ya A1 tse di golang ngwaga le ngwaga, tse bontsi di supegang e le bohahalele jwa bakgweetsi.
Seo se supilwe mo phuthego ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, yo e bileng a le tona wa mafatshe a sele, Dr Pelonomi Venson-Moitoi mo phuthegong tsa kgotla kwa Radisele le Segakwana.
E rile a amogela Dr Venson-Moitoi, Kgosi Balebetse Sesinyi wa Mogonye a supa matshenyego a le mmalwa, jaaka dikotsi tsa tsela, metsi a a rusi, tiriso ditagi le bojalwa tse di fetogileng dibolai.
A re bontsi jwa dintsho mo kgaolong ya gagwe bo dirwa ka mabotlolo a dibiri.
O kopile puso go tla ka lenaneo le le ka emisetsang mabotlolo a majwala a sekgoa, go fokotsa dintsho le dipolaano tse di dirwang ka mabotlolo ao, fela jaaka go ne ga fedisiwa mabotlolo a dino tsa Fanta le Coke, jaanong go dirisiwa a dipolaseteke.
Kgosi o ne a supa fa mo kgaolong ya Radisele motokwane o sa gogwe o jewa ka bodipa, a re seo se fetotse bana dirorobana le dikole ga ba sa tlhole ba di tsena.
O ne a lebogela puso go ba letlelela go dirisa thupa a re le yone e kgona go kgalema lonyatso.
Ka metsi o ne a re metsi a Rradisele a tswa a le mahibidu mo dipompong, seo se supa fa a na le rusi, e ba belaelang e tlaa ba tsenya bolwetse fa nako e ntse e tsamaya.
O kopile lephata la metsi go thusa go lwantsha seemo seo a re se tswa kgakala.
Fa a lekodisa ka tsa metse ya bone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Radisele, Mme Boipuso Motsamai o ne a re ba itumeletse maduo a sekole se segolwane sa Radisele mono ngwaga, mme a supa gape ka kago e ba e abetsweng ke ba lefatshe la China.
Mme Motsamai o ne a re e le ba Radisele ba kopa gore puso e sekaseke dituelo tsa lenaneo la teratelo masimo ke molemi ka bongwe ka bongwe, ba re go tura fela thata mme ba re a madi ao a duelwe ka go ketlolwa kgwedi le kgwedi ka go se motlhofo gore motho a a bone a le kompa.
Ba ne ba supa letlhoko la didirisiwa mo diofising tsa bommaboipelego, a bo a kopa gore ba okelediwe mapodisi, segolo le fa e le ka special constable, ba re seemo sa borukutlhi mo kgaolong ya bone se tlhokana le palo e e fa godimo ya mapodisi.
E ne e rile go le pele, Dr Venson-Moitoi a supa fa a tsile go utlwa botsogo, mme a tlhalosa ka melao e le mebedi; wa Omang le wa lefatshe, e fetisitswe kwa palamenteng.
A re wa lefatshe ke wa Tribal Land Act le Deeds Register.
Dr Venson-Moitoi o ne a kgothatsa setshaba go kwadisa ditsha tsa bone gore ba tle ba akole maduo a ditlankana tse disha a re seo gape se ka ba thusa go adima madi go tlhabolola ditsha tsa bone.
Ka Omang o ne a re jaanong go letleletswe batho ba ba senang Omang go ka mo neelwa, mme seo se sa ree gore ba nne fela ba sa kwadise fa nako e fitlhile, a re go ne go lebeletswe segolo bogolo mo bagolong ka bangwe ba tshaba dikotlhao jaanong ba itshetse moriti o tsididi ka go nna ba sena bo Omang, seo se ba rontshe tshwanelo ya bone ya go akola meamuso ya lefatshe leno jaaka dikatso tsa bagodi le tse dingwe.
O ne a kopa ba lephata la ditsela le dipalamo go dira makgabaganyo a leruo mo Radisele, gore barui ba kgone go tlodisa leruo la bone mo tseleng ya A1.
Ka kgang ya metsi o ne a re o tlaa kopana le tona yo o lebaneng go tsibogela seemo seo ka bofefo.
Mafoko ao, o ne gape a lebaganya ba masimo a Segakwana ba ba supileng matshwenyego a bone e le balemi.
Mo tekodisong ya bone, Mme Gabatsoswe Dipogiso o ne a supa fa dipula tsa ga Dineo di dikile di thubile matamo, mme a re seo ga se a ba itsa go bona thobo e e nametsang.
Mme Dipogiso o supile fa ba na le matamo a supa mme otlhe a na le metsi mo nakong eno, fela a tlhokana le go baakanngwa.
Ba ne gape ba kopa puso go tsosolosa Service Centre e e kwa Mogatsapoo.
O ne gape a lebogela ba lekgotla la babereki la BOPEU a re ba rekile masimo a ba ikaelelang go a dirisa go ntsha merogo le maungo.
A re seo se ya go tlhamela bana ba masimo ao ditiro.
Ba ne gape ba lebogela Ipelegeng ba re e ba thusitse go dira ditiro di tshwana le tsa go rema ditsela mme ba re ba okelediwe badiri.
Mme Dipogiso o ne gape a supa fa ba batla go tlhabolola ntlo ya bone e ba lekolelwang mo go yone (mobile Clinic) mme ba tlhaelelwa ke didirisiwa.
Tona o ne a re o tlaa ba rekela ditena di le 200.
Mongwe wa bana ba masimo ao, Rre Montwedi Gwapela ene o ne a solofetsa go tsenya tsa motlakase le go ba rekela didirisiwa tsa metsi.
Mokhanselera wa Serowe, Rre Monageng Monageng o ne a ba solofetsa ditilo di le masome mabedi.
E ne e rile go le pele, Rre Gwapela a batla go itse ka lefelo la Leupane gore, ke eng le sa neeelwe banana go le dirisa go tlhabolola kgaolo le gone go itlhamela ditiro, a supa fa boitseanape mabapi le tsa temo e le jo bo tlhabolotsweng bo tlhoka go tsenngwa mo tirisong.
E ne ya re a leboga, mokhanselera wa Radisele, Rre Kgosiemang Monare o ne a isa kopo ya batho ba kgaolo ya gagwe mo go Mopalamente ya gore Tautona a ba etele pele ga a tsamaya.
Rre Monare o ne a lebogela paakanyo melao e e dirilweng a re e tsile ka nako e e maleba, segolo jang ya bo Omang.
O ne a re ba lekalana la tshekatsheko tikologo ba diya tshimologo ya go agwa ga tsela ya Radisele/Pilikwe, e ba neng ba beile mo go yone go tlhamela banana ditiro. ENDS
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : RADISELE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 18 Oct 2017






