Breaking News

Mmu wa masimo o tshwanetse go tlhatlhojwa - Autlwetse

18 Oct 2017

Mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, e bile e le mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse o gakolotse balemi ba masimo a Palamaokue go tlhatlhoba mebu ya ditshimo tsa bone pele ga temo.

Rre Autlwetse o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla ya balemi- barui ba masimo a Palamaokue.

“Fa letsema le boloditswe jaana go raya gore re ipaakanyetse go lema , mme ipaakanyo ya ntlha ke go tlhathoba mmu,” a supa.

O tlhalositse fa mebu e sa tshwane, jalo go le botlhokwa gore molemi mongwe le mogwe a dire ditlhatlhobo tsa one, gore ba nne le tlhomamiso ya gore menontshane  e ba e neelwang ke yone e e lebaneng mmu o o mo ditshimong tsa bone.

“Gore mmu o nontshe sejalo, go batla o neelwe monontshane o e leng gore ga o yo mo go one,” a supa.

Rre Autlwetse o tlhalositse fa ba Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) ba ithaopile go thusa Batswana ka go tlhatlhoba mmu wa ditshimo mahala, le fa puso go na le fa e thusang teng.

“A e re pele ga re ka tsenya menontshane mo mmung, re lebelele gore a mme gone go a tlhokafala gore re dire jalo,” a supa

Mothusa Tona o ne a gakolola balemi go sekaseka mananeo a ba a fiwang ke puso, pele ga ba a tsaya.

A re gantsi batho ba a tsaya fela mme ba sena kgatlhego, jalo a supa fa go dira jalo e le tshenyo ya ditsompelo tsa puso.

“A re tlhopheng mananeo a a gaufi le pelo tsa rona, e bile re na le bokgoni jwa one.

A re tlhopheng a a re siamentseng, a re ka tsamayang nao, go na le go a buledisa,” a supa.

O supile fa bangwe ba buledisa mananeo, ba phuaganya mo tseleng.

A re go dira jalo ba a bo ba pitlagantse ba bangwe ba ba neng ba ka fiwa sebaka sa go a dirisa ka katlego.

Rre Autlwetse o gakolotse balemi ba ba sa tlholeng ba kgona go lema, go adima ba bangwe masimo, bogolo jang masika.

“Ke kopa gore le nne pelo tlhomogi mo go ba ba nang le kgatlhego ya go lema.

Masimo a a tlhaela, mme go na le masimo a a nang le dingwaga tse dintsi a sa dirisitswe,” a supa.

O supile fa dipalo tsa batho di oketsegile, a re seo se raya gore masimo a simolotse go tlhaela batho.

Puso e dirisitse P564 million, mme go supa gore mo mafelong mangwe dipoelo ga di a nna tse di eletsegang, ka ntlha ya gore balemi bangwe ga ba a tsenya moko mo nameng.

O kopile balemi ba kgaolo ya gagwe gore ba seka ba nna mo palong ya ba ba senyang madi a puso, a ba gakolola gore fa ba sena bokgoni jwa go lema, ba ka inaakanya le ditiro tse dingwe tse di tswang mo temong jaaka go photha le go sila.

A re go utlwisa botlhoko gore lefatshe la Botswana a bo le santse le ikaegile mo go Afrika Borwa ka dijo, a supa fa nako e tsile ya gore Batswana ba tsee boikarabelo jwa go itirela dijo.

Fa a bua ka tsa thuo, tona o supile fa Botswana a dirile ka natla go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo le fa bo bonetse bosheng kwa Nhabe.

A re le fa go ntse jalo, ba tswenngwa ke bolwetse jwa mabele, mme a gakolola gore, ka bolwetse joo bo tla ka leswe la setho, go dirwe matlwana a boitiketso.

“Dipalo tsa batho di oketsegile, jalo mafulo a dikgomo le one a fokotsegile.

A re babalale kanamo e ka go dira matlo a boithomelo gore leswe le, le seka la amana le dikgomo,” a supa.

Rre Autlwetse o supile gore puso e tsere tshwetso ya gore ga e sa tlhola e thusa ka mekento ya mahala dikgomo tsotlhe tse di sa tsenngwang manyena, e le mokgwa wa go rotloetsa barui go di tsenya manyena.

Fa a leboga, Mokhanselara wa Swaneng, Rre Mpho Kooreme, o supile fa ditirelo tsa Ipelegeng di atolositswe, e bile di tsweletse kwa Masimo.

E re ka banni ba koo ba ne ba ngongorega gore Ipelegeng ga e ise e thuse kwa go bone, o ne a kopa gore ba seka ba tlhobaela, a supa fa thulaganyo e le teng ya gore beke e e tlang, Ipelegeng a bo e simolotse mo masimong a bone.

“Ipelegeng e tlaa tsaya dikgwdi tse tharo kwano, mme e bile ga re kganele ba masimo a a mabapi go tsenelela, fa e le gore kwano le palo potlana,” a supa.

O ne a ba gakolola gore ditiro tse di dirwang mo Ipelegeng, e nne ditiro tse di ka solegelang botlhe molemo. ENDS

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : PALAMAOKUE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 18 Oct 2017