Batshu o kgala baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana
04 Oct 2017
Tona wa boagedi, mesepele le merero ya bong, Rre Edwin Batshu a re go emisa kana go tla ka tharabololo ya go nyeletsa mokgwa wa go nna mmogo batho ba sa nyalana ka fa molaong, go tlaa thusa go rarabolola mathata le dikgang tse di ntseng di kgoreletsa thokgamo mo malwapeng.
Rre Batshu o buile jaana ka letsatsi la Re a Nyalana kwa Tutume ka Labone mme a re dipatlisiso tse di dirilweng ke ba NACA ka thomo ya ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ka 2008 di supile dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.
A re seemo seo se ne se batla kalafi, ka jalo ka 2012 ga tlhongwa setlhopha se bidiwa Re a Nyalana go tsaya boikarabelo jwa go rarabolola mangwe a matshwenyego a a bonweng ke lekoko le le neng le romilwe ke Tautona.
Rre Batshu a re fa e sale lekgotla la Re a Nyalana le tlhongwa, go setse go nyadisitswe malwapa a le 1 873 ka fa molaong ka thotloetso ya mokgatlho oo, fa batho ba le 3 746 ba rwesitswe dipalamenwana ka thulaganyo eo.
O tsweletse a bolela fa lenyalo le le tlhomamisitsweng ka fa molaong le efa banyalani seriti le tlotlo gape le bopaganya setshaba, a gatelela gore lenyalo ke motheo wa lelwapa, tshegofatso e e tswang kwa Modimong, ka jalo a kopa banyalani go tlotla malwapa a bone.
Gape o ne a supa fa lephata la gagwe le sa robalelwa ke ditlhokwa ka dikgang tsa banyalani ba ba tlhalanang, bogolo jang banana.
A re kgwedi le kgwedi ba amogela dikgang tse di fetang lesome tsa banyalani ba ba tlhalanang.
O ne a gatelela gore fa e sale banyalani ba ntlha ba ba simolotseng go nyalana ka thulaganyo ya Re a Nyalana ka 2012, ga ba ise ba amogele dikgang dipe tsa tlhalo, ka jalo a kopa batsadi go bua le bana go tlotla le go tshegetsa malwapa.
Tona Batshu o ne gape a gwetlha batho ba Tutume go tla ka mananeo a a tlaa thusang go lwantsha matlhotlhapelo a a tsisiwang ke nnotagi.
A re banana ba itontela nnotagi ba bo bafelela ba dira dilo tse di duleng mo tseleng, selo se a kaileng se batla kgalemo pele ga lefatshe le wela ka lemena.
O ne a leboga maloko a Re a Nyalana ka thulaganyo e ntle e ba e dirang.
A re ba kgonne go fa malwapa a le mantsi seriti le go leka go kganela dikgotlhang tse di tlhagogang motlhang mongwe wa bobedi jo bo ntseng bo nna mmogo bo sa nyalana a tlhokafala.
Mongwe wa banyalani, Rre Orapeleng Khani a re e sale a nna le mosadi wa gagwe ka 1970, ba na le bana ba ba godileng.
Rre Khani a re mo kitsong ya bone ba ne ba tsaya gore ke monna le mosadi ka ba ne ba ntshitse magadi ba nna mmogo ka kagiso, mme a leboga ba Re a Nyalana ka thotloetso le thuto ya bone.
Leloko la Re a Nyalana, Mme Annah Morwaagole a re maikaelelo a mokgatlho oo ke go rotloetsa batho ba ba sa bolong go nna mmogo ba sa nyalana go nyalana ka fa molaong le go thusa ka ditsompelo gore batho ba go nna jalo ba diragatse dikeletso tsa bone ka fa molaong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Re a nyalana
Date : 04 Oct 2017






