Breaking News

Kgosi Kgamane o bolotsa letsema

04 Oct 2017

Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a re nako e tsile ya gore Batswana ba ye go baakanya masimo a bone jaaka go epa disana go itsa go senyega ga diterekeke.

Kgosi Kgamane o buile jaana bosheng jaaka a ne a bolotsa letsema mo Serowe ka a re ke ngwao mo ga Mmangwato gore Sontaga wa ntlha wa Phalane ba bolotse letsema.

“Tsamayang le ye go lema le tle le kgone go jesa lefatshe leno” a bua jalo jaaka a ne a gasa peo mo kgotleng ya ga Mmagwato, se e le sone sesupo sa gore o rebotse temo.

Kgosi o ne a rotloetsa balemi ba kgaolo ya legare go dira le go sala morago se se lopiwang ke balemisi gore ba tle ba kgone go ntsha dijo tse dintsi tse ba ka kgonang go fepa Batswana ka tsone.

O ba rotloeditse go tlhokomela dijwalo tsa bone fa ba sena go lema jaaka go agelela masimo le go a tlhagola gona le gore e re ba sena go lema ba bo ba boela mo gae ba tlogela masimo a bone a sena batlhokomedi.

Mo go tse dingwe o supile fa nako e ya temo e ama le one magosi, ka jalo ba tlaa gololwa go ya go leta seemo sa maru le go lema. 

Ka jalo o ne a kopa morafe gore go tla seegelwa fa thoko go letlanya batho fa dikgang tsa borukutlhi tsone di tlaa bulelwa.

Kgosi Kgamane o ne a re monongwaga ba solofetse pula e namagadi mme fa e ka seka ya na ka nako, o tlaa thulanya tlhogo le magosi le baruti ba bitse morafe go e kopa kwa go Ramasedi.

Kgosi Kgamane o ne a akgola balemi ba ba dikileng ba lemile le ntswa ba ne ba tlhaselwa ke diji mme molelo wa mariga ba ne ba o ora.

Kgosi o bile a rotloetsa barui go tswelela ka mowa o montle wa go tshwara leruo jaaka ba ne ba le tshwere ngogola gore le seka la senyetsa balemi. BOPKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Letsema

Date : 04 Oct 2017