Breaking News

Metlhala ya khumo e tlhoka balati

21 Sep 2017

Moeteledipele wa setlhopha sa Sedzela Ndiko Yele Upholstery, se se rokang le go betla dithoto tsa ntlo kwa Francistown, Rre Vincent Mudongo a re o na le tshepho le tumelo e e tletseng gore metlhala ya khumo e mentsi e Batswana ka kakaretso ba tlhokang go e latela go itlhotlhora lehuma.

Rre Mudongo yo o dingwaga tse di masome mane le bosupa o file bopaki jo mo potsolotsong le BOPA bosheng.

A re o ne a nna le megopolo e feta thapo tsa leselo ya dikgwebo tse a neng a eletsa go tsena mo go tsone go dira botshelo.

Mme fela kwa pheletsong Rre Mudongo o tlhalosa fa a ne a tsepama mo mogopolong wa go roka le go betla dithoto tsa ntlo.

O boletse fa ka nako eo ka 2010, a ne a sena kitso epe ka se a eletsang go se dira mo botshelong jwa gagwe, mme fela a phophoma ka lorato le lenyora le le tseneletseng go batla go roka le go betla dithoto tsa ntlo.

“Ke ne ke sena dikitso kgotsa botsipa bope fela jwa go roka le go betla dithoto tsa ntlo, mme ke na le lerato le legolo mo kgwebong ya teng,” ga bua jalo Rre Mudongo.

O ne a tlhalosa fa lerato leo le ne la mo gwetlha gore a batle mmereko mo madirelong a dirang dithoto tsa ntlo, gore kgabagare a kwatabolotse makwati.

Ke gone ka moo a tlhalosang fa a ne a thapiwa ke ba madirelo a Line Feed Furniture gone mo Francistown ka ngwaga wa 2010.

O tlhalosa fa gape a ne a ya go direla kwa Wonderful Land Furnitures ka 2011.

A re o dirile jalo ka a ne a batla go kwatabolotsa botsipa jwa go roka le go betla dithoto tsa ntlo mo go tseneletseng e bile go le pharologanyo.

“Ka ke ne ke na le keletso go itirela ka diatla tsa me, ke ne ka dira ka natla, maikaelelo e le go tsaya malebela,” ga bua Rre Mudongo.

O boletse fa mo nakong e a neng a direla koo, a ne a ithuta le go baakanya metshine e e dirisiwang.

Mme ya re fa a ntse a tsweletse a kopiwa ke khamphani ya Master Trading mo Francistown go ya go ba baakanyetsa metshine, mme a nna le tumelano le bone gore ba seka ba mo atswa ka madi ba mo neele motshine.

A re tumelano eo e ne ya mmerekela a supa fa go tloga foo, a ne a ya go ipereka kwa lwapeng a dira dithoto tsa ntlo ka go farologana.

O tlhalosa fa mo tsamaong ya nako ka 2014, dithoto tsa gagwe di ne tsa kgatlhisa leitlho bomme bangwe ba le bane, e bong bomme Boikhutso Masese wa Francistown, Wame Nkhwa wa Dukwi, Jane Mudongo Masingwaneng le Lerato Segodi wa Francistown.

O tlhalosa fa bomme ba ba ne ba ikopanya le ene ba buisana gore ba ipope go nna setlhopha ba iteke lesego go tsenya kopo ya dithuso tsa lenaneo la bong go dira kgwebo eo mmogo.

A re ntleng le go dia nako, a atla mogopolo wa bone, mme ba rwala ditlhako go leba kwa ofising ya lephata la bong ya Francistown.

“Gone kwa ofising ya lephata la bong, re ne ra feta ra ba ipolelela ka maikaelelo le maikemisetso a rona, mme ba re thusa ka botlalo ba re tlhalosetsa gore go tlhokega eng gore re ikopele madi a lenaneo la bong.”

Morago ga go dira gotlhe mo go tlhokegang jaaka go dira leina la kgwebo le go tlatsa fomo ya ikopelo dithuso tsa madi, kopo ya bone ya atlega ka 2014, mme ba thusiwa ka P192 000.

Madi a, Rre Mudongo o tlhalosa fa a ne a ba kgontsha go reka ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang tsa kgwebo ya bone mme ba semelela ba ntsha ga tshwene go dira dithoto tse di kgatlhisang.

O supile fa ba simolotse ba direla kwa Bluetown le kwa White City, mme ya re ngogola ka Mopitlo, ba lekalana le le rotloetsang dikgwebo la Local Authority Enterprises (LEA) ba ba tswa thuso ka go ba abela lefelo la madirelo mo Francistown kwa Industrial Mall.

A re le mo nakong eno, kemo nokeng ya LEA ke e e kwa godimo ka jaana kgwedi le kgwedi ba tshwara ditshupo mo Francistown go fa bagwebi sebaka go supa dithoto le ditirelo tsa bone, seo e le tsela nngwe ya go leka go bapatsa dikgwebo tsa Batswana.

O tlhalositse fa kgwebo ya bone e roka disofa, ditilo le gone go apesa ditilo tsa dikoloi e dira mo go nametsang ka jaana e setse e ba thusa go menagane go tlamela malwapa a bone le matlhoko a bone a botshelo.

“Bangwe ba rona re ne re nna mo malwapeng a sa felelang ka ntata ya letlhoko la madi, mme e ne ya re morago ga dipoelo tse re di dirang mo kgwebong e, re setse re kgonne go wetsa matlo a rona a bonno e bile a lebega jaanong.” a tlhalosa jalo.

A re kgwebo e gape e thusitse go tlhamela bangwe ba Batswana diphatlha tsa mebereko, ka jaana ba setse ba thapile ba le bararo mme ba na le maikaelelo go tswelela ba thapa ba bangwe.

O tlhalosa fa mo dinakong tse dingwe tiro e atle e nne ntsi, mme ba tlamege go thapa badiri ba nakwana go ba thusa.

Rre Mudongo o bile a tlhalosa fa go dira ba le setlhopha go ba thusa go godisa kgwebo ya bone nako le nako, ka jaana ba thusana go abelana megopolo le maele go dira dithoto tsa ntlo.

“Jaaka re le setlhopha jaana re na le ditsala tse di farologaneng e bile re tswa kwa mafelong a farologaneng, mme seo se re thusa go bapatsa kgwebo ya rona mo go bone le kwa mafelong a re a etelang.”
A re gape go dira ba le mabogodika go dira tiro motlhofo.

Fa a kgothatsa Batswana ka ene, Rre Mudongo o ne a ba kopa go sa ineela mo botshelong ntateng ya gore ga gona diphatlha tsa mebereko.

A re se ba tshwanetseng go se dira ke gore ba latele meamuso ya khumo e e leng teng, mme e re ba e latetse jalo ba dirise mananeo a leng teng a puso go nonotsha maikaelelo a bone a go nna bagwebi.

A re gape e re ba tlhopha meamuso eo ba e tlhophe ba na le lerato le maitlamo mo go yone ka seo se ka ba thusa gore mo dinakong tsa kgwebo e sa dire sentle ba itsetsepele go tswelela pele go na le go phutlhamisiwa ke dikgwetlho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 21 Sep 2017