Monna o ketekilwe
13 Sep 2017
Monna wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa wa kgotla ya Lepapa kwa Moshupa o ne a robega kgetlane le dikgopo morago ga go ketekwa ke banna bangwe ba le babedi ba dingwaga tse di masome mararo le borataro le masome mararo le bosupa le bone e le ba kgotla ya Lepapa.
Se se boletswe ke mothusa mogolwane wa mapodisi a Moshupa, Assistant Superintendent Joel Sebotho mo potsolosong le BOPA beke eno.
Assistant Superientendent Sebotho o tlhalositse gore tiragalo eo, e diragaletse kwa marekisetsong a nnotagi kwa kgotleng ya Mmaseetsela fa boraro joo bone jwa tlhoka dikutlwisisanyo mme ba felela ba lwela kgarejwana.
A re borre ba babedi bao, ba ne ba keteka yo mongwe ka go mo raga ka ditlhako, mme ba feletsa ba mo robile kgetlana le dikgopo.
Assistant Supt Sebotho o tlhalositse fa rre yoo a ne a isiwa kwa kokelwaneng ya Mmaseetsela kwa Moshupa, mme a felela a isiwa kwa kokelong ya Sabata kwa Kanye kwa a feletseng a isiwa seiponeng mme a gololwa.
O tlhalositse gore borre bao, ba santse ba ipega mo mapodising, mme e tlaare mo bogaufing ba isiwe fa pele ga lekgotla go arabela molato wa titeo.
Mo go tse dingwe ditiragalo, Assistant Supt Sebotho o tlhalositse gore mapodisi a Moshupa a tlhotlhomisa tiragalo ya go thuba le go utswa.
Ga twe mme mongwe wa dingwaga tse di masome matlhano le botlhano wa kgotla ya Sedudu teng kwa Moshupa o ne a tlhaselwa ke dilalome mme tsa mo amoga thelebishini e elopileng madi a a ka tshwarang dikete di le lesome le motso tsa dipula.
O tlhalositse fa mme yoo, a ne a begela mapodisi maphakela a Tshipi, a tlhalosa fa dilalome tseo di mo tseneletse motlung a robetse, e bile a thulametse, mme magodu ao a utswa a bo a tsamaya a sa ba bona le fa e le go utlwa mokgwasa.
Rre Sebotho o tlhalositse fa go sa tshwarwa ope mabapi le tiragalo e, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 13 Sep 2017






