Breaking News

Mopenwaeng poso ya Bakwena

13 Sep 2017

Mo malatsing a maloba, poso e ne e le nngwe yone konokono ya go tlhaeletsana le lefatshe ka bophara. 

Morafe mongwe le mongwe o ne a na le kwa amogelelang dikwalo tsa poso teng, mme selo se se rurifadiwa ke setlhare sa Mopenwaeng wa poso ya Bakwena. 

E rile fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Keineetse Sebele o kaile fa setlhare se sa Mopenwaeng se simolotse go dirisiwa e le poso moragonyana fa morafe o sena go fudusa motse go tswa kwa Ntsweng kwa gone jaana e leng boremelelo jwa modiro wa ngwao ya Bakwena wa Dithubaruba. 

A re kgotlakgolo ya Bakwena e ne ya agwa fa pele ga setlhare se mme ga tlhongwa rre mongwe go nna raposo. 

O boletse fa raposo a ne a amogela poso go tswa mafelong a a farologaneng mme a e balele Bakwena ba ba neng ba sa itse go bala morago a phatlalatse bontlha bongwe jwa dikwalo le motse otlhe wa Molepolole. 

Kgosi Sebele o kaile fa bontsi jwa poso e e neng e amogelwa e ne e tswa kwa masoleng a Bakwena a a neng a ile ntweng ya bobedi ya lefatshe, meepo ya Afrika Borwa le go tswa kwa diofising tsa puso ya bokolone ya ga Mmamosadinyana. 

O supile fa setlhare se sele mosola thata ka e le yone poso ya ntlha ya Bakwena mme go le botlhokwa gore se tlhokomelwe ka se supa ditso tsa batho ba Molepolole. 

A re setlhare se se ne sa tsisa mowa wa boipelego mo setshabeng sa Molepolole segolo jang masole a a neng a ile ntweng a tlatsa ka go re masole ao ene yare go lemoga botlhokwa jwa poso ka go ba golaganya le masika a bone ka nako ya ntwa, batla ba aga poso ya Mathubantwa mo motseng oo go boeng ga bone kwa ntweng. 

O boletse fa setlhare se se ka dirisiwa e le sekai kana thuto ya mosola wa go tlhokomela matlotlo a tlholego mo setshabeng, a re setlhare seo jaanong se ngokela bajanala mo motseng wa Molepolole go tla go ithuta ka ditso tsa poso le ka fa Bakwena ba neng ba tshela ka teng bogologolo pele ga metlhale e mesha ya ditlhaeletsano e tsena mo tirisong. 

Kgosi Sebele a re kwa ntle ga poso, setlhare se, se ne se nnwa moriti, go jewa maungo a sone mme a tlatsa ka gore more o one o dirisiwa gape go dira ditlhomeso le kgobati e bile se ntsha mafura a a neng a dirisiwa go bolaya dibokwana mo maleng a leruo. 

Kgosi Sebele o ne a supa fa mopenwaeng o wa poso e le letlotlo la ngwao le le sireleditsweng ka molao wa tshireletso matlotlo a tlholego mme se tlhokometswe ke ba lephata la tshomarelo ditso ka tshwaragano le banni ba Molepolole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 13 Sep 2017