Mapodisi a Good Hope tshegeditse mmelaelwa
13 Sep 2017
Mapodisi a Ramatlabama a tshegeditse monna mongwe go ba thusa ditlhotlhomiso morago ga tiragalo e lekawana le le dingwaga di masome mabedi le bobedi a tlhabilweng ka sengwe se se bogale kwa maitisong mme a felela a tlhokafetse.
E rile a tlhalosa, motshwarelela ramapodise Rre Dyumthi Kwezi o tlhalositse gore tiragalo e e diragetse ka Matlhatso phakela fa borre ba ba ne ba le kwa maitisong mme ba nna le tlhoka kutlwisisanyo.
O tlhalositse fa yo mongwe a ne a tsaya sengwe se se bogale mme a lwa le tsala ya gagwe.
Borre ba go bolelwa fa e ne e le ditsala e bile ba tswa Tlhareseleele mmogo.
Go belaesega fa ba gorogile botlhe go tswa kwa Tlhareseleele go tla go itisa mo Pitsane.
O buile gore e rile morago ga tiragalo e rre yo a ragogedisiwa kwa sepatela sa Good Hope kwa ba bongaka ba ileng ba tlhalosa fa a tlhokafetse.
O tlhalositse fa setopo sa gagwe se le mo setsidifatsing mo sepatela sa Good Hope go tlhatlhojwa.
O tlhalositse fa rre yo a itshupile kwa lekgotleng le le tona la ditsheko mo lobatse ka Mosupologo mme a tshegeditswe ke mapodise fa ditlhotlhomiso di tsweletse.
E re go ntse jalo, o ne a gakolola setshaba go fokotsa dino.
O tlhalosa fa go belaesega tiragalo e e diragetse borre ba ba le mo maibing a bojalwa.
O tlhalositse gore go botlhokwa gore fa batho ba na le kgang ba leke go kopa thuso mo go ba ba gaufi ka go lwa go felela go baka dintsho jaaka go diragetse.
O tlhalositse gape fa ba tlhotlhomisa monna yo o dingwaga di masome mararo le botlhano mabapi le petelelo ya mme mongwe yo o dingwaga tse di masome mabedi le bobedi wa Ramatlabama.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOODHOPE
Event : ditlhotlhomiso
Date : 13 Sep 2017






