Tshidilo maikutlo e na le mosola
13 Sep 2017
Tshidilo maikutlo e kailwe e le tsela nngwe ya go kganela dipolao le dikakanyo tsa go bolaya ka e ritibatsa maikutlo gape e efa batho nako ya go buisana go batla tharabololo.
Fa a bua mo thuto-puisanong ya letsatsi la go kganela go ipolaya, mmaboipelego mo khanseleng ya Mochudi, Mme Boingotlo Matlhabaphiri o boletse fa go ikgolaganya le bommaboipelego go kopa thuso go le botlhokwa.
O boletse fa bontsi bo tsaya temana khutshwane ya go ipolaya go rarabolola mathata a bone mme mo go sa thuse ka batho ba ba salang mo botshelong ba amiwa ke seemo se ba tlogetsweng mo go sone.
O bile a tlatsa ka go re bangwe ba sala ba akanya fa e le bone ba bakileng go ipolaya moo.
Mme Matlhabaphiri o boletse fa go bua boammaruri ka nako ya fa motho a ile go batla thuso mo go mmaboipelego go le botlhokwa thata ka go fa motho sebaka sa go tlhaloganya seemo pele a se rarabolola.
O kopile setshaba gore ba seka ba itshidila maikutlo ka ba felela ba tsaya dikgato tse di seng maleba mo go ba tsenyang mo mathateng , a ba kopa gore ba ithute go bua le batho ka e le tsela e molemo go kganela dipolaano.
Mme Matlhabaphiri o boletse fa go itse mmaboipelego go sa reele gore o ka tsamaya a bolelela motse ka mathata a gago ka seo e tla bo e le tlolo molao mme e bile motho a na le tetla ya go begela ba sepodise ka seo gore ba lebise mmaboipelego molato.
O boletse fa go na le molao o o ba letlang go begela mapodisi fa motho a rera go bolaya yo mongwe gore ba tshegetse yo o kaiwang mopolaong, a tlatsa ka gore se e abo e le go sireletsa yo mongwe go fitlhela yo o kopileng thuso a sidilwa maikutlo.
O tlhalositse fa tshidilo maikutlo e tshwana le lefoko la Modimo ka gore fa o utlwa lefoko la Modimo mme o sa le tshegetse ga le go solegele molemo mme fa o le sekegela le go tshedisa sentle.
Detective Sargent Bonniface Dibe o tlhalositse fa bontsi jwa dikgang tsa go ikgapela botshelo di bakwa ke dikgwetlho tse batho ba iphitlhelang ba le mo go tsone mme ba sa kgone go di rarabolola jaaka marato a bangwe ba sa amogeleng fa a sena go fela.
O tlhalositse fa ba gatisitse dikgang tsa go ikgapela botshelo ka go ikaletsa di fera bongwe ka 2015, di le lesome ka 2016 e le ka go ikaletsa le go gatwa ke terena mme monongwaga fela ba gatisitse tse pedi tsa go gatwa ke terena botlhe e le borre.
Rre Dibe o kopile setshaba go begela bommaboipelego le mapodisi fa ba na le mathata gore ba tle ba kgone go bona thuso, a tlatsa ka gore fa ba tshegwa ke batho fa ba kopa thuso ba begele ba sepodise ka gore ke molato gore e re motho a kopa thuso ba sepodise kana bo mmaboipelego ba ba tshege.
Rre Kabelo Moremi o kaile fa bomme ba tshwanetse go amogela diphoso fa ba le molato mme ba ipaakanye gore go seka ga nna le dikgogakgogano tse di felelang di baka dipolaano.
O tlhalositse gape gore go tlhabisa ditlhong go ipega o re mosadi o a go tshwenya ko lwapeng o le rre ka mapodise ba go ja setshego mme se se bake gore motho a ikaletse kana a bolae le ene mokapelo pele a ikaletsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : MOCHUDI
Event : Tshidilo maikutlo
Date : 13 Sep 2017






