Barutabana ba botlhokwa mo itsholelong - Venson-Moitoi
12 Sep 2017
Lefatshe leno le lemoga sentle seabe sa barutabana mo ditlhabololong le mo itsholelong.
Ke sone se ba tshwanelwang ke go tlotlwa le go lemogwa ka dinako tsotlhe.
Se se builwe ke tona wa merero ya mafatshe a sele le ditirisano, Mme Pelonomi Venson-Moitoi fa a ne a buisa barutabana ba kgaolo ya Letswapo le Serowe kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome a ferabobedi lekgotla la Botswana Teachers Union (BTU) le ntse le le teng.
Mme Venson-Moitoi a re botlhokwa le seabe sa barutabana mo lefatsheng leno bo lemosega sentle, segolo jang fa go boelwa kwa morago go gakolegelwe bopelonomi, bopelotelele le boitshoko jwa bone mo dinakong tse di thata tse di neng di ba pateletse go dirisa di tsa bone, go reka didirisiwa tsa sekole.
A re barutabana ba berekile ka dinako tse go neng go dirisiwa dikurwana, moitaletsi, dikerese go sena motlakase o mo nakong eno o ba tokafaleditseng thuto.
A re ka nako eo le one matlo a boroko a ne a seyo.
Mme Venson-Moitoi a re boineelo le boitshoko jwa bone go direla lefatshe bo tlhoka go akgolwa.
A re gape barutabana ke bangwe ba ba simolodisetseng lenaneo la go ikaba ka bana ba batsadi ba bone ba neng ba sa kgone, a supa fa lenaneo la Adpot-A-School le se lesha e le fela go le tsosolosa ka jaana mo nakong eno le atolegile go feta pele, dikhamphani le batho ka bongwe ba le tseetse kwa godimo go thusa puso mokgoleo wa thuto.
Mme Venson-Moitoi a re puso ga e ise e ithokomolose seabe sa barutabana mo itsholelong ya lefatshe, ke gone ka moo e ne ya ema ka dinao go ba agela matlo.
A re go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go tlhabolola barutabana mo dithutong gore ba kgone go ntsha maduo le go itepatepanya le diemo tsa nako eno.
O ne a supa botlhokwa jwa mokgatlho wa barutabana wa BTU a re mekgatlho yotlhe ya makgotla a babereki e botlhokwa mo go tshwaraganeleng ditlhabololo le puso ka e dirile gore go nne bonolo gore mohiri le mohiriwa ba kgone go buisana ka tse di ka dirwang go tlhabolola lefatshe go ya pele.
A re ke boikarabelo jwa bogogi jwa lefatshe leno go gakolola le go tshwaraganela mathata le makgotla a babereki go tswa ka ditharabololo, go dirwa ka kgololesego go sena kwa go sokametsweng teng le sone sepolotiki se se mo teng.
A re lefatshe leno le itsiwe ka mmualebe, mafoko a kgotla a mantle otlhe seo se dirwa ka puisano e e lolameng.
Fa a bua mo boemong jwa mabutswapele a mokgatlho, moeteledipele wa lekgotla wa pele e bile e le ene yo o gogileng sebaka se se leele mo maemong ao, Rre Jafter Radibe o supile fa lekgotla le le tswa kgakala le gogwa ke banna le basadi ba ka nako eo ba neng ba ititeile sehuba go swele dikano.
O gakolotse puso go busetsa ditiro tsa diatla tse di neng di le teng, di simolodisitswe ke bo moswi Van Rensburg, mme a akgola Tautona go lemoga botlhokwa jwa meopelo le metshameko a re tseo tsotlhe ke megopolo ya barutabana.
Rre Radibe o rotloeditse barutabana go dira ka natla go tlhabolola ngwana, a re “moseka phufu ya gaabo ga a swe lentswe” a re ba ngongorege ba ntse ba tshwere.
O ne gape a re ba eme ka dinao go lwantsha tshenyetso setshaba.
Moeteledipele wa nako eno wa lekgotla, Rre Johannes Tshukudu a re lekgotla le mo tseleng go kgona ditoro tsa lone, a supa fa ba engwe ke dikgwetlho pele go tlhabolola ngwana a re seo ga se a tshwanela go ba kgoba marapo.
Rre Tshukudu a re ga go bonolo go lwela phenyo, ke gone ka moo e rileng bana ba Iseraela ba le mo loetong bangwe ba seka ba gorogo kwa lefatsheng le tsholofelo, fela jaaka go diragetse e rile go nna thata bangwe ba tswa go simolodisa makgotla a bone.
O akgotse Mme Venson-Moitoi a re o lole ntwa, jalo o tshwanetswe ke serwalo sa tshiamo mo go ritibatseng dikgang tsa barutabana ka a ne a reetsa e bile a a mogela dikgakololo.
Rre Tshukudu a re go gontsi mo ba go direlang setshaba ngwaga le ngwaga e le ba lekgotla la barutabana jaaka go agela ba ba tlhokileng lesego matlo le go abela ba ba sa ikgoneng dijo.
A re go mo maruding a puso go tlhokomela barutabana gore ba ntshe maduo a a nametsang kwa dikoleng mme a bua ka lenaneo la tiriso ya diteme tsa ga mma motho, a re nako e tsile gore go sekasekwe gore go rutwe ka diteme tse bana ba dibuang.
O ne gape a re ka barutabana ba akareditswe mo dikitsong tse di faphegileng, jaanong tsa bone ga di tle ka dikatso jaaka tsa makalana a mangwe a puso.
A re bana ba lefatshe leno ba rutegile, ka jalo ga go tlhokege gore fa go dirwa dipatlisiso ka thuto, go thapiwe batho ba mafatshe a sele a re e bile bo ne ba tlhaloganya thuto ya lefatshe leno botoka gona le batswakwa.
E rile fa a amogela baeng, mothusa kgosi wa Palapye, Rre Michael Maforaga a supa fa maemo a a neelwang batho a tlhakatlhakantse seemo sa dithutego tsa batho.
A re barutegi ba laolwa ke batho ba ba sa rutegang, mme seemo sa thuto mo nakong eno ke sa memo a a kwa godimo fa go tshwatshwangwa le dinako tse di fetileng.
A re barutabana ba dinako tseno ba tsene dikole e bile ba amogela botoka, mme seo se sa ba itse go sela molao morago wa go buisana le go gakololana le puso ka bobedi joo bo tlhokana mo kgodisong ya ngwana.
Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding gape e le mopalamente wa Palapye, Rre Moisareela Goya a re lekgtola la BTU le tsweletse ka go tlhomama le go tia ka maloko a lone a sa iteege tsebe.
A re boikarabelo, serite, boleng le go itirela go ba dirile gore ba tsee boikarabelo mo ditsamaisong tsa setshaba.
Rre Goya a re puso e eme ka dinao go ba batlela maroko go tokafatsa seemo sa bone sa pereko a re go tlaa agwa matlo a ka nna 5 885 mo dingwageng ka go tlhatlologana mme a re seo se tlhoka kemo nokeng ya lekgotla.
A re o utlule selelo sa bone sa gore ba akarediwe mo thulaganyong ya dithuto ka e le bone ba yang go ruta.
O ne a ba kopa go rotloetsa maloko a a duleng mo lekgotleng go boela mo go lone gore ba bue ka lentswe le le lengwe.
A re go rutwa ga bana ka diteme tsa batsadi go mo ditshekatshekong.
O ne a kopa barutabana go thusa go tla ka tharabololo gore a mme go tlhokega gore barutabana ba duelelwe dithutego tse di faphegileng, go na le gore go okediwe palo ya barutabana ba bo ba duelwe ka madi ao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Moletlo wa BTU
Date : 12 Sep 2017






