Koko ya thangwane e dira diaba
10 Jul 2017
Monana wa dingwaga tse di masome mararo wa kgotla ya Thalerwana kwa Serowe, Mme Vivian Bareki a re koko ya Thangwane e bogadi bo gaufi e bile theko ya teng e kwa godimo.
Mme Bareki o tlhalositse se mo potsolosong le BOPA, fa a sale a simolotse go rua dikoko tsa Thangwane e e tlwaelesegileng ka leina la samolalana ka 2015.
O ne a nna le lorato lwa dikoko tse morago ga gore a lemoge fa e le koko e e thubang mae a e a beileng otlhe e sa tlogele ape le go godisa dikokwana e sa jelwe ke sepe ka e fulela mo matlhakung.
A tswelela a tlhalosa fa e kgona go emelelana le malwetse e bile e itse go sireletsa dikokwana mo dijing.
“Koko e e rekwa P100 moroba, poo P200,” ga bua Mme Bareki ka monyenyo.
Morui yo a re letlhoko la madi ke selo sa maloba mo go ene ka gore o tlhokomela bana ba gagwe ba babedi go se ’tsapa le mo fisang pelo.
O tswelela a tllhalosa fa a otla bana ba gagwe go sena letlhoko la seshabo le mae.
Mme Bareki o tlhalosa fa a simolotse ka go tsenya maroba a le lesome le poo tsa bo di thuba dikokwana di le lekgolo.
Mme Bareki a re thuo ya gagwe e Setswana fela morago ga dikgwedi tse tharo o a rekisa go itsa gore di nne dintsintsi ka gore o ruetse mo gae.
O tswelela a tlhalosa fa a tlhokomela dikoko tsa gagwe ka go di fa mmidi le metsi fela.
“Ke rekisa morago ga dikgwedi tse tharo,” ga bua Mme Bareki.
O tswelela a re o rekisetsa batho ka nosi kgotsa ba mananeo.
Morui yo o bolela fa dikgwetlho tse di jaaka malwetse di le teng mme a di fenya ka melemo e a e tsayang kwa go ba temo-thuo.
Fa a digela, Mme Bareki o rotloetsa Batswana go itshimololela dikgwebo ka se ba nang le sone ka gore kgwebo e tshwanetse go gola, mme ba seka ba inyatsa ka gore le mananeo a puso a teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keneilwe Gagoiponwe
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 10 Jul 2017






