Breaking News

Kokorwe o akgola ofisi ya mopalamente

21 May 2017

Motsamaisa dipuisanyo tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe o akgotse ofisi ya mopalamente wa Lerala/ Maunatlala go bo e dirile dikgaisanyo tsa ba ba tsenang diphuthego tsa kgotla mo kgaolong.  

A re go a itumedisa go bo ba ofisi ya mopalamente ba bone go tshwanela gore ba rotloetse morafe go tla diphuthegong mme ba dira seo ka dikgaisanyo.

A re di rotloetsa gore motho a ititee ka thupana.O ne gape a akgolela ofisi ya mopalamente go tsibogela dikgang tsa morafe.  

O ne a bua jalo kwa Lerala bosheng fa a ne a tsibogela mafoko a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Keitumetse Baithomi kwa phuthegong e a neng a e tshwere ya lenaneo la go isa palamente kwa setshabeng.

Rre Baithomi o ne a bolela fa morafe wa Lerala/Maunatlala o itumelela ofisi ya mopalamente.

O ne a bolela fa ofisi eo e tshwere ka natla ka e na le dikgaisanyo tsa metse ka go farologana di itebagantse le dipalo tse di tlang diphuthegong.

O ne a bolela fa ofisi ya mopalamente e bile e tshereganya dikgang di le mmalwa, bogolo jang tsa mhiri le mhiriwa, mme di atlega e bile di fokotsegile ka ponyo ya leitlho.

A re bontsi jwa tsone di felela di sa fetela kwa pele.     

Mme Kokorwe a re mapalamente a lebanywe ke tiro e kgolo kwa palamenteng ya go buelelela batlhophi ka go botsa dipotso mme ba bo ba arajwa.

A re mopalamente gape o dira ditshutiso mme mapalamente a mangwe ba bo ba mo tlatsa fa e le gore ba dumalana le ene mme fa ba sa dumalane le ene le gone ba a tlhalosa.

A re mapalamente gape ba na le tiro e ntsi ya dikomiti tse di lebaganeng le maphata.  

A re dikomiti tseo di tsenwa fela ke mapalamente mme botona ba maphata ka go farologana ga ba di tsene ka le bone ba na le tiro e ntsi ya go lebelela lefatshe lotlhe mo maphateng a bone.

Ka jalo, Mme Kokorwe o ne a re fela jaaka mopalamente batlhophi le bone ba na le seabe se ba tshwanetseng ba se dire.

A re ba tshwanetse ba tsena diphuthego fa mopalamente a tsile go ba lekodisa ka tsa palamente ba bo ba mo fe megopolo ya se a ka se isang kwa palamenteng fa a boela teng.

O ne a itsese banni fa bodiredi jwa ofisi ya mopalamente e le jwa bone mme ba tshwanetse ba ba thuse ba sa ba kgetholole go sa kgathalesege gore motho yo o kopang thuso ke wa phathi efe.

Mo go tse dingwe, Mme Kokorwe o ne a bolela fa tiro ya mopalamente e se ya go ya dintshong mme go ya dintshong moo a go dira a ithaopa fela.

Mme Kokorwe o ne a bolela fa go setse go dumalanwe gore dikgang tsa palamente di supiwe mo ditshwantshong tsa motshikinyego.

Mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele o ne a lebogela leeto la ga Mme Kokorwe, a bolela fa le ruta go le gontsi.

A re dikgang di tshwana le tsa tiro ya mopalamente di botlhokwa thata ka bangwe ba ne ba sa e itse mme ba simolotse go e itse ka leeto la motsamaisa dipuisanyo tsa palamente. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 21 May 2017