Ba Pilikwe ba abetswe digalase
16 May 2017
Kgosi, bana le bagolo ba le 27 ba Pilikwe ba abetswe digalase tsa matlho ke ba lekgotla la Merch Hand Foundation Trust ka bofelo jwa beke.
E rile a buisana le banni ba motse oo ba ba neng ba tshologetse tiro eo mo kgotleng, Rre Ramadeluka Seretse, yo o kileng a nna mopalamente wa Serowe Bokone, e bile e ne e le tona wa itshireletso, molao le thokgamo, o ne a tlhalosa fa Batswana e le tshaba e e agetsweng mo leratong, mme go se thona gore ngwana wa Motswana a intshe setlhabelo go direla lefatshe la ga bone.
Rre Seretse o ne a supa fa go aba go sa supe khumo, mme go tsamaelana le mowa wa lerato le go ikabela go direla setshaba.
O ne a supa fa mowa oo o nyelela ka bonya mo Batswaneng ba ba inaakantseng thata le diphetogo tsa botshelo jwa segompieno jwa go iteba ba le bosi.
O ne a rotloetsa ba ba yang go abelwa dimpho go di leba ka leitlho la thuso e seng go akanya gore moabi wa tsone o lekantse ga a itse se a ka se dirang ka madi.
A re go abelwa ke lesego ga se tshwanelo ya motho, mme seo se seka sa tsewa lolea.
O ne a rotloetsa Batswana go boela mo moweng wa bone wa go utlwelana botlhoko, o o neng wa aga wa bo wa tlhabolola lefatshe leno ka e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe.
Mo mafokong a gagwe, moabi wa dimpho tseo le bakaulengwe ka ene, Rre Kabelo Rampe o ne supa fa a nnile le thotloetso go tswa go Dr Gaositwe Chiepe, mme a mo akgolela kemo nokeng ya gagwe ya botsadi.
Rre Rampe a re ke maikemisetso a gagwe ka thotloetso ya Modimo go abela batho khutlong tse nne tsa lefatshe leno a dirisa dithata tsa gagwe go ba latela gongwe le gongwe kwa ba tlhokang thuso ya mokgatlho wa gagwe teng.
O ne a rotloetsa banana ka ene gore go aba go tswa mo leratong le go itse Modimo, ka jalo Modimo one o tlaa go neela gore o abe.
A re batho ba ba abang ga se gore ba na le madi ba kgona botshelo, ke fela ka thata le tlhotlheletso ya mowa o o boitshepo.
O ne gape a ikabela ba Pilikwe ka go kopa monana mongwe go simolola se a ka se kgonang, a re o tlaa mo ema nokeng, gammogo le ditiro tse di tlaa dirwang mo motseng oo.
E ne e rile go le pele Kgosi Gasebalwe Seretse a supa fa lekgotla leo le diretse batho ba motse wa gagwe molemo, gore le bone ba kgone go natefelelwa ke botshelo, ka go amogela dimpho tseo ka lerato.
Fa a leboga tiro eo, tona wa botsogo le boitekanelo, mopalamente wa kgaolo, Mme Dorcas Makgato o ne a supa fa botlhokapono e le sengwe sa tse di tshwenyang mo lephateng la gagwe.
A re maikaelelo a lephata la gagwe ke go neela batho botsogo, mme a re o leboga thata fa go na le batho ba ba bonang go le molemo go tshwaraganela botsogo jwa setshaba le puso.
A re se ke ditshegofatso, a supa fa se gape se fokoleditse ba ba yang go amogela dimpho tseo mosepele wa go ya bongakeng kwa Serowe.
Go ne ga abelwa bana ba sekole ba fera bobedi le bagolo ba le lesome le boferabongwe, kgosi e le mongwe wa bone go amogela digalase. ENDS
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PILIKWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 16 May 2017






