Balemi ba lela sa khuranyo ya meno
15 May 2017
Kgosi Abraham Thuto wa kgotla ya Mmapetwana kwa Radisele a re o tshwentswe ke leruo le le dirang tshenyo mo masimong a a gaufi le motse oo.
Kgosi Thuto o ntshitse matshwenyego ao mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA kwa masimong a Madiaela gaufi le Radisele ka Labotlhano.
A re tshenyo e e dirwang ke leruo kwa masimo e tlhotlholediwa ke barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone.
O supile fa go tlhoka go tlhokomelwa ga leruo, go baka gore le sutlhe matlhaku a a ageletseng masimo fa gongwe le kgaole terata e e ageletseng masimo mme le bake tshenyo e e tshwanang le go suputsa dinawa le go ja dijwalo.
A re tshenyo ya leruo e setse e bakile kgotlhang fa gare ga barui le balemi kwa masimo a Madiaela a supa fa gangwe le gape a amogela dipego go tswa kwa baleming ba lela sa khuranyo ya meno ka tshenyo e e bakilweng ke leruo mo masimong a bone.
O kgadile a sa kgwe mathe barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone le le dirang tshenyo mo masimo a supa fa ba busetsa maiteko a puso ko morago a go namola Batswana mo lehumeng ka go ba thusa go lema ka lenaneo la ISPAAD.
A re puso e dirisa madi a mantsi mo temong go thusa balemi mme ko pheletsong e nne ekete puso e latlhela madi mo motlhobodikeng sebe sa phiri e le tshenyo e e dirwang ke leruo kwa masimo.
Kgosi Thuto o kaile fa beng ba leruo ba goga dinao fa go tla nako ya ditsheko go arabela tshenyo e e dirilweng ke leruo la bone kwa masimo.
Fa a tswa la gagwe,modulasetilo wa komiti ya balemi-barui kwa masimo a Madiaela, Rre Mothibedi Motlhagodi a re ba tshwentswe ke leruo le le tsweletseng ka go senya mo masimo a supa fa le setse le sentse masimo a le lesome.
A re balemi ba ba babalelwang ke tshenyo e e dirwang ke leruo thata ke ba ba ageletseng ka matlhaku a supa fa go le motlhofo gore leruo le a sutlhe mme le tsene mo tshimong.
A re e le komiti ya balemi-barui, maikaelelo a bone ke go bona go nna le tirisano mmogo magareng ga barui le balemi a tlhalosa fa botlhe ba dira tiro e le nngwe e e leng go bona lefatshe leno le gatetse pele mo go tsa temo-thuo.
Rre Motlhagodi a re kgwetlho e ba kopanang le yone ke tiego ya go rarabolola ditsheko tebang le tshenyo e e bakwang ke leruo kwa lekgotleng la Setswana seo se dire gore beng ba leruo ba seka ba tsaya ditsheko tseo tsiya.
Mme Annah Tawana yo e leng mongwe wa ba ba lemang kwa Madiaela a re o setse a iphotlhere morago ga gore poo e go tlhalosegang fa e le ya letimela e kgaole terata mme ya tsena mo tshimong ya gagwe ya dira tshenyo ya dijwalo.
O supile fa poo eo e tsere malatsi a le mararo e dira tshenyo mo tshimong ya gagwe.
A re maiteko a gagwe a go batla mong wa poo eo a iteile se fololetse a supa fa ba go tlhalosegang fa e le ya bone ba e itatola sebe sa phiri e le go tshaba go arabela tshenyo e e bakileng kwa masimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : Radisele
Event : POTSOLOTSO
Date : 15 May 2017






