Mekgatlho e abela baithuti ba Mahetlwe
14 May 2017
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ba sekole se sebotlana sa Mahetlwe mo kgaolong ya Kweneng, Mme Molaletsa Moisakoma o akgotse mokgatlho wa AAP Home Based Care and Family Life Programme go bo o abetse bana ba sekole seo dimpho.
Mme Moisakoma o ntshitse kakgolo e morago ga gore mokgatlho oo o abele bana bao dimpho tse di neng di akaretsa dikobo le dijo ka Labobedi gone kwa Mahetlwe.
O boletse fa komiti ya bone e leboga thata fa dikompone ka go farologana le mekgatlho di tsenya letsogo mo thutong ya bana ka go ba abela tse ba di tlhokang, a tlatsa ka gore le bone ba tia moko go tswelela mo boithaopong jwa bone.
O supile fa go dira jaana ga mekgatlho le dikompone e le mowa o montle ebile go imolola puso morwalo wa go tlhokomela bana ka e ka seke e kgone e le nosi.
A re tiro ya mofuta o e tlaa tiisa le bone batsadi moko gore ba emele thuto ya bana ba bone ka dinao ebile a supa fa go ka fokotsa le gone go fudusiwa ga bana ba isiwa kwa dikoleng tse dingwe.
Mme Moisakoma o ne a kaya fa a itumelela tirisano mmogo ya komiti ya gagwe, a re ba tshwaragane jaaka ngata ya dikgong mme go rena kagiso le thokgamo mo komiting eo ka jaana mongwe le mongwe wa bone a na le maikaelelo a go ntsha maduo.
E re le fa go ntse jalo Mme Moisakoma o ne a tlotlomatsa mokgatlho wa AAP Home Based Care jaaka fa a ne a supa gore e ne e se lantlha o abela bana ba motse oo dimpho.
E rile fa a tswa la gagwe moeteledipele wa mokgatlho oo, Mme Martha Rampa a bolela fa dikgatlhego tsa mokgatlho oo di le mo baneng ka ke bone baeteledipele ba kamoso.
A re maitemogelo a bone ke gore jaaka fa ba tsweletse ka go abela bana dimpho mo mafelong ka go farologana ga one mo Botswana, bana ba ba a kgothala mme ba tokafatse maduo a bone. O ne a supa fa e le tsholofelo ya bone e le mokgatlho gore bana ba sekole seo monongwaga le bone ba tla tokafatsa maduo a bone.
Mme Rampa o ne a kaya fa tiro e mokgatlho wa gagwe o sa e dire ka bonosi mme a supa fa ba leboga dikgwebo tse di ikemetseng di tshwana le mabentlele a Choppies, Woolworths le kompone ya Bokomo Botswana ka a re le tsone di tsentse letsogo. O weditse puo ya gagwe ka go kgala a sa kgwe mathe batsadi ba a reng ga ba na sepe le thuto ya bana, a re ga ba tsenelele dipitso tse di bidiwang ke komiti ya batsadi le barutabana, ebile ba sena kgatlhego ya go tsaya maduo a bana morago ga setlha.
A re batsadi bao ba itse gone go kgala ditsamaiso tsa dikole le barutabana mme ba sa tsenye letsogo mo go tokafatseng seemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MAHETLWE
Event : Kabo dimpho.
Date : 14 May 2017








