Balemi ba itumelela thuto
02 Apr 2017
Balemi ba masimo a Mathibatsela gaufi le motse wa Khudumelapye kwa kgaolong ya Kweneng, ba ne ba phuthaganetse kwa masimong a ga Mme Festinah Bakwena, go ya go ithuta ka go lema le go paka dijo tsa leruo.
Erile a amogela baeng kwa dithutong tseo, molemi Mme Phone Lebeko o ne a supa fa ba ne ba kopa molemisi wa kgaolo ya bone go ba fa dithuto tseo, ka ba ne ba lemoga fa ba sa dire dilo dingwe sentle, a bo a supa fa molemisi a ne a phutha balemi ba bangwe gore ba tle go ithuta ka go lema nawa ya lablab, e gantsi balemi ba kgaolo eo ba e lemang mme ba sa tlhaloganye gore e tshwanetse go lengwa leng, e kgaolwa jang le gone go e paka tota.
O ne a supa fa monongwaga pula e ne e le ntsi fela thata, mme le fa masimo a tlhagotswe a sa supe ka tlhaga e tswelela ka go tlhoga.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya temo-thuo Rre Kabelo Dintwe,o ne a supa fa lablab e tshwanetse go lengwa ka kgwedi ya Phalane le ya Ngwanatsele mo borwa jwa lefatshe leno, ka jaana mariga a goroga ka bonako mo kgaolong e.
O supile fa e tlhoka go lengwa ka ditselana, e fiwe phatlha e tona jaaka dinawa ka jaana e nama, a bo a supa fa le yone fela jaaka dijwalo tse dingwe e tlhagolelwa.
Rre Dintwe o supile gore fela fa nawa e e ntsha peo e a kgaolwa gore e seka ya latlha dikotla.
O supile gore fa nawa e e kgaolwa, ga e ntshiwe le kutu, a supa fa e na le dikotla tse di tshwanetseng go sala mo mmung. O boletse gape gore fa dipula di na sentle, nawa e e kgona go rojwa gabedi fa e lemilwe ka nako e e siameng.
Erile a ruta ka go paka thobo ya lablab, mogolwane go tswa kwa ofising ya temo-thuo kwa Letlhakeng Rre Bobby Ramotho, o ne a supa fa nawa eo e tshwanetse go kgaolwa e bo e bewa malatsi a le mabedi go ya kwa go a le mararo gore e gamoge metsi.
O supile fa molemi a tshwanetse go dira foromo ya mapolanka ya boleele jwa 90cm x 60cm x 60cm, a bo a reka le mogala o a tsenyang mo foromong eo fa a setse a roba, mme a tsenye thobo e e gamogileng metsi eo, a bo a e gatagata ka maoto go fitlhela e tlala.
O supile gore fa molemi a sena go tlatsa foromo, o tshwanetse go bofa mogala a bo a somola foromo, mme a bo a kala ka selekanyo sa 15kg.
O supile gore thobo e e tshwanetse ya nna le mabolokelo a a ageletsweng sentle jaaka a dikoko, a bo a rulelwe gore go seka ga nna diji dipe tse di tsenang moo.
O boletse gape gore fa thobo e pakiwa, e tshwanetse go nna le phatlha e phefo e ka tsenang ka yone, gore e seka ya felela e bola ka jaana e sa fela go oma.
O boletse gape gore thobo e seka ya bewa mo letsatsing ka e ka omelela matlhare, le gone gore e seka ya bewa mo dipuleng ka e ka bodisiwa ke metsi.
O tlhalositse fa tiro e gape e lekanye go dirwa ke batho ba le babedi, mme ba tshwanetse go ntsha dikale di le masome matlhano ka letsatsi. Rre Ramotho o tlhalositse gore fa dijo tse di fiwa leruo lantlha, le tshwanetse la tsenyediwa go le gonnye ka jaana di bipela, mme gape e tshwanetse go silwa e bo e kopanngwa letlhaka le le sidilweng, mme le fiwe leruo go ya ka dingwaga tsa lone.
O tlhalositse gape fa puso e na le lenaneo la go agela balemi mabeelo a dijo le thuso ya go rekela balemi motshine o o silang letlhaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MATHIBATSELA
Event : Dithuto puisano
Date : 02 Apr 2017






