Breaking News

Selogelo o dira kofi

02 Apr 2017


Mme Elisabeth Selogelo, yo o dingwaga tse di masome a marataro le bobedi wa Tonota o inaakantse le kgwebo ya go dira kofi ka dinawa tse a di lemang kwa tshimong ya gagwe.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Selogelo o tlhalositse fa ene go tsweng goo-Lowe fela e se motho wa go nna ka matsogo ka jaana a godile a itse gore mo botshelong gore motho o ja mofufutso wa phatla ya gagwe.

A re o godile a tshela ka temo-thuo mme le jaana o sa ntse a tlaa tswelela a dira ka gotlhe mo a go kgonang go tshegetsa serodumo seo go ya go ileng.

Mme Selogelo a tlhalositse fa kgwebo e ya go dira kofi e tsile jaana morago ga gore fa ba le kwa ithutuntshong ya mefuta ya mebu ka go farologana kwa Francistown kwa sekoleng sa ithutelo ditiro ke ba Impala, tsala ya gagwe ya sela thotse ya nawa e e neng e bopegile e le kgolokwe mme ba kgatlhegela go ya go e lema ka maikaelelo a go bona gore e tlaa dira jang morago.

A re e ne e le ka ngwaga wa 2012, mme ba ya go lema thotse eo, e a reng e ne ya dira sentle ka thobo ya yone e ne e nametsa.

“E ne ya re nako ya go ntsha thobo mo masimong e goroga ra bapala nawa e mme ra seegela fa thoko thobo ya teng,” a bolela jalo.

O ne a tlhalosa fa mo tsamaong ya nako mongwe wa tsala ya gagwe wa letso la Zimbabwe a ne a mo etela mme a fitlhela thobo ya nawa eo e ntse e seegetswe fa thoko.Mme Selogelo o tlhalosa fa mme yoo a ne a mo tlhalosetsa ka nawa e a re kwa ga gabo ga mmogo le kwa Malawi ke yone go dirwang kofi ka yone.

A re mme yoo o ne a mo fa maele le dikitso tsa go dira kofi ya nawa a supa fa nawa eo e gadikiwa mme e re morago e thugwe go ntsha bopi.

O tlhalositse fa kofi e e le monate e nwega ka mashi, mme e bile banni ba Tonota le ba ba etelang motse oo ba e paka mme a re o aga a ya go e bapatsa kwa ditshupong mme theko e nne e e nametsang.

Gape o tlhalositse fa banwi ba kofi e ba paka fa e ba fa maatla a go dira, e ba thusa go lapolosa mmele mme e bile bangwe ba ba tshelang ka makoa a botsogo a a farologaneng jaaka khupelo le madi a matona e ba thusa mo go one.

O kgothaditse Batswana ka kakaretso go lemoga le go tlhaloganya fa puso e ka se kgone go dira ditiro tse di ka ba lekanang botlhe, mme ka jalo go age mo go bone go dirisa meamuso ya khumo e e leng teng go inamola mo lehumeng le le tseneletseng.

A re nako e gorogile gore ba tsosolose mowa wa boipelego mme ba tshware ka natla go dira ka matsogo a bone mme o kgadile batho bangwe ba ba nang le boitseme go emela matshelo a bone ka dinao ba dirisa letlhoko la ditiro e le seipato go ka tswelela.

O tsweletse a tlhalosa fa ene a lema mme e bile mo pakeng e e fetileng ya temo a dikile a lemile diekere tse thataro tsa mabele, diekere tse tharo tsa dinawa, sephatlo sa ekere sa letlhodi ga mmogo le diekere tse di robang bobedi tsa dijo tsa leruo.

A re o lema dijo tsa leruo go di rekisetsa beng ba leruo, mme seo se mo thuse go tlamela ba lelwapa la gagwe ka dipoelo tse a di dirang.
BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TONOTA

Event : Potsolotso

Date : 02 Apr 2017