Kgosi o rotloetsa banni go tsena diphuthego
30 Mar 2017
Kgosi Phologolo Ledimo wa kgotla ya Kubung kwa Maun o rotloeditse morafe wa gagwe go tsena diphuthego tsa kgotla ka makatlanamane le ka nako.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi o supile fa batho bangwe mo kgotleng ya gagwe ba sa ntse ba le maoto a tshupa go tla diphuthegong tsa kgotla.
O ne a kaya fa seemo se se bakwa ke boitseme jwa batho ba ba ikaelelang go utlwa tse di builweng kwa diphuthegong ka ditsala le masika fa ba kopane le bone kwa diphitlhong le kwa manyalong.
A re go utlwa ka podi ya tsela ga go na molemo ope ka dikakgelo tsa bone di ka seke di tsewe tsia ke ope.
Kgosi o supile fa tiriso ya nnotagi, bogolo jang mo bananeng e le yone e ba kganelang go tsena diphuthego tsa kgotla.
A re se sengwe gape ke gore ga ba sa tlhole ba na le segoagoe se ba se dirisang go gasa melaetsa, ka jalo ba anamisa melaetsa ka go kwala mekwalo e e supang dinako tsa diphuthego mme ba e kokometse mo mabotaneng le dikgoro tsa marekisetso.
“Pele morafe wa Kubung o ne o lwela pilediwa fa re ne re dirisa segoagoe go gasa molaetsa wa diphuthego tsa kgotla, jaanong mekwalo e e mo marekisetsong bana ba kgona go e ntsha kana e tsewe ke phefo, mme seo se dire gore batho ba ba seka ba bona melaetsa eo,” ga bua Kgosi Ledimo. Kgosi Ledimo o ne a tlhalosa fa diphuthego tsa kgotla di na le seabe se setona fela mo tlhabololong matshelo a batho le motse ka kakaretso.
A re go le gantsi mo diphuthegong tse komiti ya ditlhabololo tsa motse e buisana le morafe ka mananeo a puso gore a ka thusa jang go tlhabolola motse le matshelo a bone.
Kgosi o supile fa mongwe le mongwe yo o tsenang phuthego mo kgotleng ya bone a fiwa sebaka sa go ntsha mogopolo, ngongorego le go tshwaela mo go sepe fela se se builweng mme morago go dumalanwe go bo go diragadiwa mogopolo o le mongwe.
E rile a a fa sekai ka lenaneo la madi a ditlhabololo tsa dikgaolo la P10 million, a re go botlhokwa gore morafe o tle diphuthegong tsa kgotla ka makatlanamane go ntsha matshwenyego le letlhoko la bone le gore ba ka thusiwa jang mo mading a.
“Fa ba tla ka boutsana, ba ba palo potlana ba ba tsileng ba kgona go ntsha megopolo ya ditlhabololo e e ka sekeng e solegele morafe otlhe wa Kubung molemo,” ga bua Kgosi Ledimo.
O ne a wetsa ka go ikuela mo khanseleng ya Bokone Bophirima go ba rekela segoagoe se se tlaa ba thusang go gasa melaetsa ya diphuthego tsa kgotla ya gagwe gore motho mongwe le mongwe a utlwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : MAUN
Event : POTSOLOTSO
Date : 30 Mar 2017






