Bogogi jwa Anne Stine bo itshwaya phoso
30 Mar 2017
Ba-na-le seabe ba sekole sa ba-na-le bogole sa Anne Stine kwa Molepolole ba itshwaile diphoso mo medumong e e nnang e tsoga kwa sekoleng seo e go supagetseng e bakwa ke go tlhoka therisano le puisanyo e e lolameng ya khuduthamaga e e tsamaisang sekole seo le bogogi jwa sekole.
Ba re go ya pele ba tlaa fetola seemo seo.
Se se senogile mo bokopanong jwa ba-na-le seabe kwa sekoleng seo bosheng.
Fa a bua ka maikaelelo a bone go ya pele, mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo, Rre Ben Gareegope o tlhalositse gore ba itshwaya diphoso morago ga go kopana kwa bothokong e le khuduthamaga ya sekole.
A re medumo e ga e simologe fa, e tswa kgakala mme fela a re ba itemogetse gore e bakwa ke go herelela ga bodiredi.
A re mangwe a maloko a khuduthamagaa tsaya dikgang a di neela bodiredi jwa sekole, selo se a reng se feretlha tsamaiso.
Rre Gareegope o bile a tlhalosa gore ofisi ya ga molaodi e okametse maphata a a mo kgaolong mmogo le makalana a a ikemetseng a tshwana le sekole sa Anne Stine. A re ka jalo ofisi eo e tshwanetse ya ela tlhoko gore ditsamaiso tsa sekole seo di mo tseleng le go gakolola fa go tlhokafalang.
O tlhalosa gape gore ka maikaelelo a go leka go ntsha Batswana mo lehumeng, bangwe ba bodiredi ba sekole seo ka e le sekole se se ikemetseng ba amogela dituelo tse di fetang tsa badirelapuso, mme a re ba kwaletse ba ofisi ya makgetho go ela tlhoko gore a makgetho a bodiredi jwa sekole seo a dirwa sentle.
Rre Gareegope o weditse ka go re go ya pele komiti e e tsamaisang sekole seo ga mmogo le ofisi ya ga molaodi ba tlaa tsaya boikarabelo go hema mekubukubu e e nnang e tlhagoga ka se se ka senya leina le lentle la sekole seo le go koba ba ba neng ba eleditse go berekisanya le sone.
E ne e rile go le pele fa a afa tekodiso, modulasetilo wa khuduthamaga, Rre Lebopo Panye a tlhalosa fa a lebogetse bokopano joka ba ntse ba sena botsogo.
O tlhalositse gore ba itaana ka noga e utlwa le modiri wa pele yo e neng e le mogokgo.
Rre Panye o tlhalositse gore morago ga go hirwa ga motsamaisi kana mogokgo wa sekole seo ba ne ba mo lebelela ka sebakanyana mme a re kwa morago ba lemoga gore ga ba kake ba ya gope le ene ka jalo ba kgaogana le ene, selo se a reng se ne sa feretlha kagiso.
A re morago ga go koba mogokgo ba ofisi ya go tlhotlhomisa tshenyetso setshaba le kgopelo itsholelo ba ne ba ba tlhalosetsa fa ba sa dire dilo dingwe sentle ka go nankola dingwe tsa tseo e le go tlhoka go sala tsamaiso morago fa go hirwa mothusa mogokgo, mme gape ba tlhalosa fa khuduthamagae e ipha madi a setshaba.
A re ga ba itse gore ofisi ya ga molaodi e na le dithata tse di kae go fa khuduthamaga dikgakololo, a re ka nako nngwe ofisi eo e ne ya ba solofetsa go ba phatlalatsa, go koba mothusa mogokgo le go busetsa mo tirong mogokgo wa pele.
Fa a fetola dikgang tsa dipego tsa ga modulasetilo, molaodi wa Kweneng, Dr Themba Mmusi o tlhalositse fa ofisi ya ga molaodi e sa itshunye nko mo dikgannyeng tse mme e tlamega go thusa fa go tlhokafalang teng ka bogakolodi mo makalaneng a tshwana le Sekole sa Anne Stine.
O tlhalositse gore ga a ise ka nako epe a re o tlaa phatlalatsa khuduthamaga, mme fela a re se se gakgamatsang ke lekwalo le le neng le kwadilwe ke mothusa mogokgo a le kwalela mogokgo a mo koba mo tirong, selo se se sa tlwaelesegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Montshwari
Location : MOLEPOLOLE
Event : bokopano jwa ba-na-le seabe
Date : 30 Mar 2017






