Ba Mookane ba batla ga-e-golelwe
30 Mar 2017
Bogogi jwa Mookane mo kgaolo-potlana ya Mahalapye bo kopile gore puso e busetse lenaneo la thuto-ga-e-golelwe le le emisitsweng mo motseng wa bone mo dingwageng tse di fetileng.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa Mookane, Rre Silas Keitumetse o boletse fa thuto-ga-e-golelwe e kile ya bo e le teng mo motseng wa gagwe mme ya emisiwa ka mabaka a palo potlana ya baithuti le tlhaelo ya barutabana nako e molao o neng wa fetolwa gore barutabana e nne batho ba ba dirileng mophato wa botlhano.
Kgosi Keitumetse o boletse fa Mookane a setse a godile e bile a na le barutegi ba ba ka kgonang go ruta baithuti ba thuto-ga-e-golelwe, ka jalo o boletse fa nako e gorogile ya gore lenaneo la thutu-ga-e-golelwe le simolodisiwe gape mo Mookane.
Kgosi Keitumetse gape o boletse fa mananeo a tshwana le madi a banana le madi a bomme (Gender Affairs) a tla ka bonya mme a sa kgone go fetola matshelo a banni ka bonako.
Mo go tse dingwe, Kgosi Keitumetse o supile matshwenyego a gore Mookane o saletse morago ka dithabololo.
O kaile fa ba bata kokelo, sekontere se se lomaganyang motse le tsela ya A1, diofisi tsa puso ka gore mo nakong ya gompieno Mookane o na le ofisi ya puso e le nngwefela ya molemisi.
Go sale foo, Kgosi Keitumetse o ne a supa matshwenyego ka mokgwa wa go itontela nnotagi ga banni, itontelo nnotagi eo, o boletse fa e tsala borukhuthi jo bo tshwanang le petelelo, dintwa le go golafatsana.
Kgosi o tlhalositse fa bogodu jwa leruo le mathata a leruo le le jelang batho dijalo e le dingwe tsa dikgwetlho tse ba di itemogelang mo motseng.
Fa a garela matshwenyego a ba itemogelang mo motseng Kgosi Keitumetse one a ikuela ka metsi a a letswai, o thalositse fa metsi a ba a nwang asa siamela botsogo jwa banni ba Mookane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : MOOKANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 30 Mar 2017






