Breaking News

Ba kgotlhadiwa go kgweetsa ka kelotlhoko

30 Mar 2017

 Mapodisi a Kasane a re a tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di diragalang mo kgaolong ya Chobe segolobogolo fa gare ga Chobe Farms le diofisi tsa CTO.
Se se builwe ke mogolwane wa lepata le le okametseng ditsela mo lephateng la sepodisi kwa Kasane Rre Oupa Malebje mo pusolotsong le ba BOPA.
Rre Malebje a re ba lephata la sepodisi ba lemogile gore bontsi jwa dikotsi tse di diragala go simolola ka Labone go ema ka Tshipi mme e bile di ama banana thata.
 A re mo tiragalong e diragetseng ka mafelo a beke monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bofera bobedi yo o neng a kgweetsa koloi ya modiro wa Mazda Altezza o ne a emisiwa ke mapodisi ba ba neng ba dirile sekganedi sa tsela.
O boletse fa rre yoo a ne a tima dipone a bo a sia, mme a thula koloi ya Toyota Vits e e neng e tswa kwa pele mme ka maswabi mokgwetsi wa Toyata Vits a tlhokafala.
E ntse e le gone mo tiragalong eo bapagami ba bangwe e leng mme wa dingwaga tse di masome mabedi le rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro bone ba bone dikgobalo tse dipotlana fela. Ba sepodisi ba supa gore sengwe se se sa ba jeseng diwelang ke go kgweetsa ga banana ba sena diteseletso tsa go kgweetsa jaaka tiragalo e nngwe e e diragetseng ko Pandamatenga bosheng. Rre Malebje a re mo go yone mokgweetsi o ne a tswa mo tseleng a bo a thula batho mme mapodisi ba ne ba lemoga fa mokgweetsi yoo a ne a sena setlankana sa go kgweetsa.
Rre Malebje o tsweletse ka gore bone e le ba sepodisi ga ba a nna fela ka jalo ba tsweletse ka go tshwara bokopano mo dikgotheng,mo dikoleng le ko dintshong e le maiteko mangwe a go ruta setshaba ka bodiphatsa jwa go kgweetsa motho a itshietse dinno kgotsa a sena setlankana sa go kgweetsa.
O ne gape a gakolola bakgweetsi botlhe ba ba kileng ba tshwarwa ka melato ya tsela go tla go duela melato ya bone ka nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Johnson Mabuta

Location : KASANE

Event : POTSOLOTSO

Date : 30 Mar 2017