Ramputswa o itshetsa ka ditlhare
30 Mar 2017
E re ka letlhoko la ditiro le ile magoletsa mo lefatsheng la Botswana, bangwe Batswana ba bone go le botoka go itlhamela ditiro ka go dira ka matsogo a bone ditiro tse di farologaneng go itirela botshelo.
Mme Keitumetse Ramputswa wa dingwaga tse di masome a marataro le bofera bobedi ke mongwe wa bomme ba ba sa iponeng tsapa go itshetsa ka go lema ditlhare tsa maungo ga mmogo le dithunya go di rekisa.
A re o sale a e simolotse kgwebo e a sena go tlogela tiro ka bogodi mme a dirisa madi a gagwe a a neng a a kokotletsa fa a sa ntse a bereka.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Ramputswa a tlhalosa gore o tswa goolowe ka lerato la ditlhare mme o sale a simolola a le mmotlana go lema le go tlhokomela dithunya mme seo sa dira gore a gole a di rata.
A re ka ngwaga wa 1989 fa a thibelela kwa Lentsweletau o ne a simolola go lema ditlhare mo lelwapeng la gagwe mme tsa ungwa mo go nametsang ka jalo seo sa mo tiisa moko go atolosa le go tlhokomela ditlhare le dithunya tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, a re ka nako eo o ne a sa di rekise a di lemela go kgabisa.
Mme ya re go tlogela tiro ka bogodi kwa lekgotleng la kabo ditsha a inaakanya le go rekisa dithunya le ditlhare tsa gagwe e le tsela ya go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
A re o rekisa ditlhare tsa maungo jaaka pere, mango le tse dingwe mme ke P50 se le sengwe, mme tsa dithunya jaaka rosemary le calvinia o di rekisa P25.
O tsweletse a tlhalosa gore fa o le molemi wa ditlhare, o nna le lerato le lentsi mo lelwapeng la gago ka o tlhola mo go lone nako e ntsi o tlhokometse ditlhare tseo ka go di tlhola kgapetsa kgapetsa gore a di gola sentle le go ela tlhoko gore di tlhokana le eng ka nako efe mme seo se dire gore di itumele di bo di ate.
Mme Ramputswa a re ntleng le go bona dipoelo, ditlhare le dithunya di mo solegela molemo ka di dira gore ka e le mogodi a seka a bua ka pelo ka a itlosa bodutu ka tsone mme seo se fokotse malwetse a pelo.
A re fa a sa tlhola mo lwapeng o a di tlhwaafalela, mme seo se dire gore fa a goroga mo lwapeng a bo a tlhamalela kwa go tsone go di lekola.
O tlhalositse gore ntswa ditlhare tsa gagwe di galalela o kopana le dikgwetlho jaaka motlhwa o montsi le dikhukhwane tse a reng o di fenya ka go di rekela molemo wa diji.
A re kgwetlho e nngwe ke gore di kgona go swa fela a sa itse gore mabaka ke eng ka jalo o tshwanetse wa lekola seemo sa mmu le boteng jwa one ka nako ya fa a jwala.
Mme Ramputswa a re o lemogile gore ditlhare le dithunya tsa gagwe di rata metsi a pula ka jalo fa pula ena o a beeletsa ka ditanka gore a tle a nosetse ka one.
A re mo nakong eno, o bone dipoelo tse di mo thusitseng ka e bile a kgonne go bula letlole le a tsenyang dipoelo mo go lone gore e re go le thata a kgone go tlopola mo teng mme a ithuse.
Mme Ramputswa o rotloeditse botlhe ba ba nang le kgatlhego mo kgwebong e gore ba seka ba itsapa mme ba simolole ka go ithekela ditlhare tse ba di kgatlhegelang mme ba di tlhokomele gore di seka tsa a swa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : LENTSWELETAU
Event : POTSOLOTRSO
Date : 30 Mar 2017






