Breaking News

Lenaneo le tshetsa Ntshana

30 Mar 2017

Puso e otlolotse letsogo go thusa Batswana ka mananeo a a farologaneng e dirisa ditselana tse di farologaneng go fetisa molaetsa jaaka go kwala mo dipampiring, go gasa ka seromamowa, ditshwantsho tsa motshikhinyego le mafaratlhatlha a boranyane go netefatsa gore Motswana mongwe le mongwe o utlwa molaetsa.
Le fa go ntse jalo, ga se Motswana mongwe le mongwe yo o tsayang molaetsa ka tlhoafalo fa ba bangwe ba dirisa sebaka se ba se boneng.
Rre Kebapetse Mpudinyane wa dingwaga tse di masome mane le borataro wa Digawana mo kgotleng ya Motlhabi, yo o itsegeng ka leina la Ntshana o bua a sa kgale mathe mo ganong gore puso e mo thusitse thata.
Ntshana a re o thapilwe ke khansele ya Good Hope, e banni ba Digawana ba tsayang ditlamelo kwa go yone.
O ne a tlhalosa mo potsolotsong gore o thapetswe go tsaya matlakala mo malwapeng a batho ba ba dueletseng mo sekoleng se segolwane sa Nthwalang le mo ditseleng fa maemelong a dipalamo ka lenaneo la nyeletso lehuma. A re o simolotse tiro ngogola mme o fetsa monongwaga.
O buile gore khansele le batho ba a ba tseelang matlakala ba na le tirisano e e kwa godimo, mo e bileng a sa ipone tsapa go dira tiro ya gagwe.
O tlhalositse gore ke lenaneo le le siameng ka ene le mo ntshitse mo lehumeng la nta e tshetlha mo e bileng a kgonne go itsenyetsa motlakase.
A re mathata a batho ke gore ga ba tsee mananeo a puso ka tlhoafalo mo ba felelang ba ikotlhaya a setse a tswaletswe.
Rre Ntshana o buile a gatelela gore go galala lemme la puso ga go thuse ka sepe.
O kgothatsa Batswana gore ba ititee ka thupana ba dirise sebaka se ka a ka ba thusa le go ba kgapha mo ditirong tsa thaelo.
Rre Ntshana a re e re go ntse jalo, tiro ya gagwe le ene e na le dikgwetlho.
O tlhalositse gore ka a dirisa kara ya ditonki go tsaya one matlakala a, dinako tse dingwe ga a bone ditonki ka nako mo a felelang a golega nako e setse e ile, a ba a felele a tsaya matlakala morago ga nako mo e bileng a kgona go fitlhela a setse a phatlaletse, mme seo se mo okeletse tiro.
Mme Mosetsanagape Motseotsile, yo e leng mongwe wa banni ba Digawana  ba Rre Ntshana a ba tseelang matlakala, o tlhalositse fa Rre Ntshana e le motho yo o nang le tirisano mmogo e bile a bereka ka bonatla le botswerere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onneile Ntokolo

Location : DIGAWANA

Event : POTSOLOTSO

Date : 30 Mar 2017