Breaking News

Go tlhatswa tshipi go gakatsa bogodu

30 Mar 2017

 Mookamela mapodisi a Palapye, Superintendent Waboraro Ramaja a re batho bangwe ba rotloetsa borukutlhi jo bo diragalang kwa Palapye  ka go bipa  mpa ka mabele.
A re go le gantsi ba itemogela seo mo  dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo kana tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro.  
Superintendent Ramaja o ne a supa matshwenyego a kwa kgotleng ya Extension 7 mo Palapye e ba neng ba e rulagantse go ipega mo setshabeng.
O ne a kopa morafe go tshwaragana le mapodisi  go bo lwantsha, a re ke morafe fela o ka ba tswang tema go tshwara badiramelato ka bone ba ba itse botoka.
Superintendent Ramaja a re magodu a leruo a na le gore a tlhatswa tshipi fa a bona gore a tshwerwe.
Go tlhatswa tshipi moo ke fa ba neela mong wa kgomo dikgomo tse di fetang bongwe go emisetsa e ba e utswileng, ba dira jalo ka tse ba di utswileng le tsone.
O ne a rotloetsa morafe go begela mapodisi dikgang tsa bogodu jwa leruo le go ganana le go tlhwatswiwa ga ditshipi ka go ba tsenya mo molatong.
A re mapodisi a Palapye a tsere tshwetso ya gore ga ba sa tlhole ba tsholola dikgang dipe tsa bogodu jwa leruo le fa barui ba ka kopa.     
Superintendent Ramaja a re kgang e nngwe e e tshwenyang ke go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ga bana.
A re go le gantsi batsadi ba itse dikgang tseo mme ba di loba ka maikaelelo a go sireletsa modiramolato, ba sa lebelela ditlamorago tse ngwana a yang go tshelela mo go tsone botshelo jwa gagwe jotlhe.   
A re go le gantsi batsadi bangwe ba a bo ba gweba kana ba aja ka ngwana ka go amogela   dimpho  mo badireng molato, e re kgabagare fa boimana bo tlhaga batsadi ba dumalane le dirukutlhi gore di tlhokomele masea.
A re batsadi ba go nna jalo ba felela ba kopa thuso mo mapodising fa dirukutlhi di setse di sa diragatse ditumalano.
A re fa seemo se setse se le foo go thari,  e bile go paledisa mapodisi go dira ditlhotlhomiso.
  Superintendent Ramaja o ne a tlhalosa fa borukutlhi jo bo diragalang mo Palapye bo golela pele a tshwantsha ditiragalo tsa borukutlhi tse di diragetseng ngogola le monongwaga  mo dikgweding tse tharo go simolola ka Hirikgong.
Superintendent Ramaja a re borukutlhi jo bongwe jo bo tshwenyang thata ke go thujwa ga matlo le dikoloi kwa marekisetsong le kwa mabitleng.
O kopile batsadi gore pele ga ba robala kwa ba tlhomamise gore diokomelabagwe di tswetswe sentle le go tlhotlhomisa gore dipati di lotletswe, ba bo ba tlhomamise gore didirisiwa tse di ka thubang matlo di beilwe kgakala le matlho a magodu.
A re batho ba seka ba baya sepe mo dikoloing jaaka dikhomputara le dikgwama tse di ka bakang go thubiwa ga dikoloi.
Fa morafe o akgela, batho ba ne ba tlhalosa fa go thujwa ga matlo go bakwa ke gore baagisanyi ga ba buisanye e bile ga ba itsane.
Ba re borukutlhi jo bo ka fedisiwa ke go tshwaragana ga baagisanyi.
Morafe o ne wa ngongoregela gore bangwe mapodisi ba dirisa dikoloi tsa tiro go nwa bojalwa ka mafelo a beke.   
Setshaba sa re go le gantsi ga ba amogele thuso ya mapodisi sentle ka mafelo a beke ka gore mapodisi ba a bo ba sena dikoloi.
Mme Segolame Bafeletse o ne a gakolola mapodisi fa go le botlhokwa gore ba adime dikoloi tsa maphata a mangwe ka nako ya letlhoko la dikoloi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : Palapye

Event : Phuthego

Date : 30 Mar 2017