Breaking News

Bahurutshe ba kopa go apesa Kgosi

30 Mar 2017

Morafe wa Bahurutshe boo Manyana kwa kgaolong ya Borwa o kopile go apesa Kgosi Kebinatshwene Mosielele letlalo la nkwe jaaka e le ngwao ya Setswana.
Ba kopile jaana kwa kgotleng kgolo ya ga Ngwaketse kwa Kanye mo phuthegong e e neng e akaretsa morafe wa Bahurutshe, magosi le Bangwaketse.
Kgosi Robert Mangope, mothusa kgosi wa Bahurutshe o ne a kopa Kgosi Malope II go ya go itseela ka tsebe mo morafeng wa Bahurutshe keletso ya bone jaaka e le motsadi mo kgaolong.
Kgosi Mangope a re o setse a kile a etelelapele morafe wa Bahurutshe pele go rola thomo ya bone kwa go Kgosi Malope II mme kopo eo ya seka ya amogelesega, mme ba boa go ya go rolela morafe wa Bahurutshe, o o mo dipaakanyong tsa go apesa kgosi.
A re go botlhokwa gore ba apese kgosi letlalo go ya ka ngwao ya bone jaaka moswi Kgosi Mareko Mosielele a ne a apesiwa letlalo mme ya re morago a tlogela tiro ka 2010 a neela morwawe, Kgosi Kebinatshwene setilo.
E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Malope II a kopa morafe go mo thusa go rarabolola kgang eo, a tlhalosa fa Bahurutshe ba supa fa go sena se se ka ba kgoreletsang go tswelela ba apesa Kgosi Kebinatshwene nkwe.
Kgosi Malope II o tlhalositse fa a dirile dipatlisiso mme a sa bona sepe se se mo sedimosetsang gore Kgosi Mareko o ne a apara letlalo la nkwe mo dingwageng tsa gagwe tsa go busa.
Ya re a latlhela tlhware logonnyana, Kgosi Kebinatshwene a tlhalosa fa kgaolo ya ga Ngwaketse e na le merafe ka go farologana jaaka Bakgalagadi, Bakgatla, Barolong, Bahurutshe, le Bangwaketse, ba e leng bone morafe o montsi mme a re ba tlotla Kgosi Malope II ka jaana go ya ka ngwao ya Sehurutshe ke ene kgosikgolo fela mo kgaolong ya ga Ngwaketse.
 Kgosi Kebinatshwene o supa fa merafe eo yotlhe e na le dingwao tse di farologanyeng tse ba eletsang go di somarela.
“Nna ke le Mohurutshe ke na le ngwao e e sa tshwaneng le ya Mongwaketse, ka jalo ga go ope yo o tshwanelwang ke go nthontsha ditshwanelo tsa me,” Kgosi Kebinatshwene a tlhalosa.
A re ka ngwao ya Sehurutshe, go tlhokafala ga ga Kgosi Mareko ka 2015 go mo fa tshwanelo ya go apara nkwe, a tlhalosa fa ngwao e ne e sa mo letle go le apara fa rraagwe a sa le botshelong le ntswa setilo sone a ne a se mo roletse.
Kgosi Kebinatshwene a re go botlhokwa gore ba buisane e le Batswana ba seka ba lwa. “Re teng a re buisaneng re seka ra lwa ka gore se se botlhokwa ke go itse fa rotlhe re le Batswana e bile go le botlhokwa go dibelana,” Kgosi a gakolola.
A re e le Bahurutshe, ga ba eletse fa kgang eo e ka ya go felela kwa makgotleng a ditsheko ka jaana a dumela gore ba ka kgona go e rarabolola ka neelano.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi wa Moshupa, Kgosi Oscar Mosielele, le ene a tlhalosa fa kgaolo ya ga Ngwaketse e na le merafe e e farologanyeng e e ikemetseng e bile e na le dingwao tse di farologanyeng.
“Re eletsa go tshela le Kgosi Malope, re mo tlotla e bile re mo thusa go aga kgaolo, mme go rontsha Bahurutshe go diragatsa ngwao ya bone e tlaabo e le go gataka ditshwanelo tsa bone,” Kgosi a gakolola.
Kgosi Mosielele gape o tlhalositse fa molao wa dikgaolwana kgotsa Tribal Territory Act e ba letla e le merafe go itsamaisetsa merero ya bone go ya ka dingwao tsa bone. E bile a re Molao-mothao wa lefatshe leno le one o letla gore go ka dirwa jalo.
Fela morafe wa bo o farologana ka maikutlo, Rre Ketumile Kaboeamodimo ene a re go apesa Kgosi Kebinatshwene nkwe go ka thuba kgaolo.
Rre Motsatsing Kgasa ene a supa gore thulaganyo e e elediwang ke morafe wa Bahurutshe e ka tla ya kgobera tirisano le kagiso e e ntseng e rena mo kgaolong.  ENDS

Source : BOPA

Author : Tlamelo Kgelepo

Location : KANYE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 30 Mar 2017