Breaking News

Lekgotla la Dikereke le santse le tshwere moono wa go aba

29 Mar 2017



Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa Botswana, Moruti Metlhayotlhe Beleme a re lekgotla la bone le tswa bogologolo le ntse le supa lerato la Modimo ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Moruti Beleme o buile jalo fa lekgotla la dikereke tsa Botswana le ne le abela ba lelwapa la ga Mme Tshanake Qhwaale ntlo e e agilweng ke lekgotla la banana ba dikereke tsa Botswana le itshwaragantse le dikhwaere tsa borre ba dikereke kwa Kang ka Labotlhano.
A re le ntswa lekgotla le e le lantlha le supa tiro ya go tshwana le e mo kgaolong ya Kgalagadi, le tswa kgakala le ntse le abela batlhoki le ba ba tlhokileng lesego mo botshelong lefatshe ka bophara.
Moruti Beleme a re mpho e e tshwanetse go bontsha boora Qhwaale gore Modimo o mo letlhakoreng la bone mme o ne a ba kopa gore sepe fela se ba se batlang go se dirisetsa ntlo eo e nne se se tlaa galaletsang lerato la Modimo.
E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa lekgotla la dikereke la Botswana, MorutiMosweu Simane a re erile ba etetse mo Kang ka 2012 ba lemoga botlhoki jwa ba lwapa loora Qhwaale mme ba itlama go ba agela ntlo, ka ntlo e le nngwe ya dilo tse di fang motho seriti.  A re sengwe gape se se neng sa ba gwetlha maikutlo ke go lemoga fa Mme Tshanake Qhwaale a ne a le mo mmeleng e bile a solofetse ka jalo go sena fa a ka beelwang botsetsi teng fa a tswa go belega kwa sepatela.
Moruti Mosweu a re maikaelelo magolo a go akaretsa banana ba dikereke tsa Botswana mo kagong ya ntlo e, e ne e le gore banana ba ba nnang ko ditoropong ba kgone go lemoga le go itse gore banni ba kwa dikgaolong ba tshela jang.
A re go aga ntlo e go ne go se motlhofo ka ba ne ba kopana le dikgwetlho tse dintsi mme ka thuso ya khansele ya Kgalagadi ba kgona go fetsa tiro e.
O supile fa khansele e ne ya ba thusa ka go ba tshelela metsi ba dirisa teraka gore kago e fele ka bofefo.
E rile a ntsha malebo, mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi, Rre Joseph Banyatsang a re o itumelela bopelontle jo bo supilweng ke lekgotla la dikereke tsa Botswana, mme a supa fa go aba go ama pelo ya Modimo.
O ne a bua se ka go ama temana ya Mathaeo wa masome a mabedi le botlhano, temana e le ya masome a mararo.
O ne a tswelela ka go kopa ba lekgotla la dikereke tsa Botswana gore ba rotloetse dikereke tse dingwe gore di ba kgwe dikgaba ka go tshwara moono wa go aba.
E rile fa a wetsa a kopa ba lelwapa la ga Qhwaale gore ba tlhokomele ntlo e se e le sesupo sa go galaletsa Modimo mo boemong jwa lekgotla la dikereke tsa Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : KANG

Event : Ka bo dimpho

Date : 29 Mar 2017