Borre ba itshetsa ka go rulela ka bojang
29 Mar 2017
Go tswa goo lowe, bomme ke bone batho ba ba neng ba itsiwe ka go rulela matlo a Setswana mme go senogile fa metlha e sa tlhole e le ya pele, ka lefatshe le itemogetse tekatekano ya ditiro tsa bong.
Se se supiwa ke borre ba babedi ba ba tlholegang kwa motseng wa Kang ba ba neng ba seka ba tlhabisiwa ditlhong ke go inaakanya le tiro e e itsegeng e le ya bomme mme ba tshwanelwa ke go dirisa talente e Modimo o e ba abetseng go itshetsa.
Mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, Rre Olebogile Kaxarike wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe le Rre Keemetswe Kenekwang wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano ba kaile fa go itlhabelwa ke ditlhong, go ikaega ka puso le go sa ipelega e le dingwe tsa dilo tse di tlhotlheletsang lehuma.
Rre Kaxarike a re o ne a lemoga fa go sa tlhole go na le bomme ba ba rulelang matlo a Setswana, ka jalo a bona fa se e le sebaka sa go tsenya letsogo gore a tle a kgone go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. A re go tsweng foo ga a ise a tlhole a ipona tsapa ka a ne a dira maiteko a gore a ikopele tiro ya go rulela ka bojang mo motseng.
A re erile fa morafe o sena go lemoga tiro e ntle e ba e dirang ba simolola go ba abela ditiro tsa go rulela mo ditirong tse di faphegileng jaaka mo dintshong, manyalo le meletlo ya ngwao.
Rre Kaxarike o ne a tshwanelwa ke go thapa monnawe ebong Keemetswe Kenekwang go mo thusa go rulela.
Rre Kaxarike a re o setse a kgonne go ikagela ntlo ya phaposi e nngwe ka tiro ya go rulela ka bojang mme a re ga go felele foo fela ka jaana o kgona go reka dijo, melora le gone tota go rekela bana paka ya sekole.
O ne a supa fa ba tsaya malatsi a matlhano go rulela ntlo ya Setswana ka bojang mme ba duelwe ka madi a a kanang ka sekete le makgolo a matlhano a dipula.
Rre Kaxarike a re tiro ena e batla botsipa jo bo ko godimo fela thata ka gore fa o sa rulela sentle bojang bo kgona go tsewa ke diphefo kana ntlo e felele e na ka nako ya dipula. A re gape fa o sena botsipa jwa go rulela ntlo ya Setswana o ka felela o tsewa ke sedidi mme wa kgokologa ko godimo wa wela fa fatshe mo go ka felelang go baka dikgobalo tse di masisi kana loso.
E re ntswa kgwebo ya gagwe e ntsha maduo a a nametsang, a re ponelopele ya gagwe ka kgwebo ya gagwe e supa se se farologaneng le se a se bonang gompieno.
Rre Kaxarike o tlhalositse fa a na le letshogo la gore mo dingwageng tse di fa pele kgwebo ya go rekisa bojang e ka nna ya wela ko tlase ka go bo Batswana ka bontsi mo bogompienong ba aga dikago tsa sesha tse di rulelwang ka disanke le dithaele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Michael Matebele
Location : KANG
Event : POTSOLOTSO
Date : 29 Mar 2017






