Ba rotloediwa go tlhagolela dijwalo
29 Mar 2017
Kgosi Dipetso Ketlogetswe wa Mokoswana mo kgaolong- potlana ya Mahalapye a re mhero o na le seabe se se tona mo go fokotseng thobo ya lefatshe leno.
O tlhalositse fa baitsaanape ba supa fa mhero o fokotsa thobo mo Botswana mme se se pateletsa setshaba go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe jaaka Afrika Borwa.
O buile seo mo potsolotsong le ba BOPA bosheng a supa fa a eme ka dinao go rotloetsa banni ba motse wa gagwe go lwantsha mhero go itirela dijo.
A re ba lephata la temo-thuo ba tsere tshwetso e e maleba ya go tsamaya le masimo go bona gore balemi ba ka rotloediwa jang go lwantsha mhero,a tlatsa ka gore Batswana le bone ba tshwanetse ba amogela kitso eo mme ba e dirise.
O ne a bolela fa go lemosegile gore bangwe ba goga dinao mo go lwantsheng mhero, mme a tlhalosa fa ba tsaya karolo botlhe mo temong ba tshwanetse ba ema ka dinao ba eteletswe pele ke balemisi go bona gore go nna le thobo e e nonneng.
Kgosi a re ba selemisi ba nna ba tlhagisa balemi fa go le botlhokwa go ikwadisetsa gore o tlhagotse le gore o lemile, gore go tle go supagale gore lenaneo le ntsha maduo kana jang.
Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa balemi go simolodisa mekgwa ya maloba e tshwana letsema, melaletsa go thusana kana dikgaisano tsa go tlhagola mhero, a gatelela fa go le botlhokwa gore setshaba se bone thobo. Kgosi a re balemisi ba tlhalosa fa mhero o tsisiwa ke diruiwa tse di jang ditlhare tse di farologaneng le metsi, mme a kopa balemi go tshwaragana le balemisi go bona gore metsi ga a tsamaele mo masimong a bone.
O supile fa mhero o le borai thata ka o lwela dijo le dijwalo jaaka metsi, menontshane le marang a letsatsi.
A re ke tshwanelo gore go lwantshiwe mhero ka go laola megoma gore megoma e dire boleme jo bo siameng jwa go lemolola mhero.
A re o kopa beng ba diterekere go lemela batho sentle ba itse fa ba duelwa, ka jalo ba tshwanetse ba dira tiro ya bone ka botswerere le boineelo.
O ne a tlhalosa fa go lemolola go thusa go lwantsha mhero mme a gatelela gore ga go lemololwe fela pele ga go jwalwa mme go lemololwa fa go sena go rojwa.
E re go le jalo,o tlhagisitse gore go lema ka ditselana le gone go thusa go lwantsha mhero,a tlatsa ka gore Batswana ba tshwanetse ba go itlwaetse fela thata.
O ne a kgothatsa balemi go kabakanya dijwalo kgotsa dipeo ka go thusa go lwantsha mhero,mme a kopa ba ba nang le madi go itshwaraganya le ofisi ya selemisi go kopa dikgakololo gore o ka reka tshefi efe go lwantsha mhero.
Kgosi Ketlogetswe a re mhero o ka lwantshiwa ka go o tlhagola o sa ntse o le monnye ka o kgona go o tlhagola motlhofo, mme a ba tlhagisa fa go nna mo masimong go thusa gore ba kgone go nna le sebaka se sentsi sa go lwantsha mhero. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : MOKOSWANA
Event : POTSOLOTSO
Date : 29 Mar 2017






