Breaking News

Batswana ba nyoretswe temo

29 Mar 2017


 E re ka jaana dipula tse di matsorotsoro di sa tswa go na lefatshe ka bophara, ditshukudu tsa temo le tsone di ntse di dumela boatleng mo masimong, me se e a bo e le sebaka se se itumedisang mo baleming le barui.
Le ntswa paka ya go lema e sa tswa go tswalelwa mo kgaolong ya bokone, banni bangwe ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba sa ntse ba tsweletse ka gone go baya tema mo masimong a bone.
Mo potsolotsong le Rre Thomo Rantsudu, yo eleng moitseanape wa dijalo go tswa mo lephateng la temo-thuo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, o tlhalositse fa nako ya temo e sa tswa go wela, mme ebile ba ne ba bona go le maleba e bile go le matshwanedi go atolosa nako e temo e neng e tswaletswe ka yone.
“Nako ya temo mo kgaolong eno ga e tshwane le ya dikgaolo tse dingwe.
Ka kwano re simolola go lema ka phalane a simolola mme re tswalele temo ya rona ka tlhakole a tlhola malatsi a le lesome le botlhano,” go tlhalosa jalo Rre Rantsudu.
O tsweletse a bolela gore ba ne ba atolosa nako ya temo ka malatsi a le lesome, se e le go fa balemi ba ba ka tswang ba saletse morago mo temong sebaka.
Rre Rantsudu a re le ntswa gone Batswana bangwe ba tsweletse ka go lema, seo se tlaa ba baya ka fa mosing ka jaana mariga a simolola mo nakong e e sa fediseng pelo mme se se tlaa baka gore bangwe ba tswe ba iphotlhere.
O ne a nankola ditlamorago tse Batswana ba ba tsweletseng ka go lema morago ga paka ya temo ba lebaganeng natso tse di jaaka go tlhoka go duelelwa ditshenyegelo tsa temo ke puso, go sa thusiweng gape ka menontshane mmogo le dipeo le tse dingwe.
A re le fa go ntse jalo ba tlaa tsaya dipalo tsa bone mme seo se sa reye gore ba tlaa thusiwa ka gope mme gape o boletse fa dipula tse di neng di bidiwa Dineo di amile kgaolo ya gagwe thata ka jaana di diile nako ya temo ka masimo a ne a nna fela a eme metsi gape a hupetsa le gone go bodisa dijalo tse di neng di tlhoga.
O gwetlhile balemi go lwantsha seboko sa Fowl Armyworm se ba setseng ba na le dikgang tsa sone di le tharo, se bontsi ja balemi ba se tshwantshanyang thata le African army worm, o netefatsa fa African army worm se tsamaya ka segopa e bile e senya ka go ja sejalo mo pelong ya sone.
Gape o supile fa go na le ditshefi ka go farologana tse di ka dirisiwang go laola diji, a tlatsa ka go rotloetsa balemi go kopa thuso ko balemising ba bone le gone go apara dilwana tsa itshireletso ka nako ya fa ba dirisa yone melemo e.
O ne a netefatsa fa ditshefi tse di ka gasiwa kana tsa tshelwa mo gare ga dijalo jaaka menontshane mme o tsweletse a kgothatsa balemi gore ba tswelele ka go tlhagolela dijalo tsa bone le gone go ikgolaganya le ba lephata la temo-thuo mo dikgaolong tsa bone, fa ba na le mathata kana fa ba bona sengwe se se belaetsang mo masimong a bone.BOPA

Source : BOPA

Author : Ditiro Kebapetse

Location : MASUNGA

Event : POTSOLOTSO

Date : 29 Mar 2017