Ipelegeng pinagare ya itsholelo ya dikgaolo
29 Mar 2017
Lenaneo la ipelegeng ke lengwe la mananeo a batho ba lefatshe leno ba ikaegileng ka one go itshetsa le gone go tlhabolola dikgaolo tsa bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tobela mo kgaolong ya Mahalapye Rre Kgwanyakgwanyang Kobe o lebogetse lenaneo la Ipelegeng go menagane.
E rile a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, a re itsholelo ya motse wa Tobela e tsweletse ka go phophoma ka ntlha ya lenaneo leo.
A re lenaneo la ipelegeng ba le dirisa go tlhabolola motse jaaka go aga matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a ba a hirisetsang badirelapuso ba ba berekelang mo motseng wa bone.
A re e re le ntswa lenaneo le e se la sennela ruri e bile e se tiro,le thusa banni ba motse ka lemmenyana la madi gape le fokoditse seemo sa borukutlhi ka gore batho ba na le kwa ba phakelang teng go bereka.
Rre Kobe o ne a tlhalosa ka gore mo motseng wa Tobela ipelegeng e hira batho ba le masome a mane le bobedi.
O ne a tlhalosa fa go na le batho ba le babedi ba ba apeelang babereki ba ipelegeng dijo, a supa fa ba reka dijo tsa teng mo dimausung tsa motse oo ka jalo se se dira gore madi a amoganwe fela mo motseng oo.
Le fa go ntse jalo,Rre Kobe a re o tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa banana ba ba inaakantseng le ipelegeng, a re o ipotsa gore ke eng ba sa kope mananeo a mangwe a nyeletso lehuma kana lenaneo la banana la go itshimololela kgwebo (YDF) ba tlogelela bagolo ipelegeng.
“Fa o bona banana ba motse o ba sa tseye mananeo jaana ba dirwa ke gore ga ba tsene diphuthego tsa kgotla,kana mme ko diphuthegong ke gone kwa go tlhalosiwang mananeo teng ka jalo ba tlaa itse jang ba dira jaana,”a tlhalosa.
Tsamaiso ya ipelegeng ya motse wa bone ke gore batlhoki ba berekele ruri gape ba ba tlhoma baeteledipele go leka go ba tsenya mo gare ga batho le gone go ba supegetsa gore ba na le bokgoni fela jaaka mongwe le mongwe.
A re go akaretsa batlhoki mo maemong ke go leka go ba fokoletsa manokonoko a go amiwa ke lehuma mo go feteletseng.
E re go le foo,Rre Kobe o tswelela a kgothatsa setshaba ka kakaretso
go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo, a tlatsa ka gore ba ka tlhabolola matshelo a bone le go tlhabolola seemo sa itsholelo ya dikgaolo tsa bone.
A re ke maikarabelo a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ke go ela seemo tlhoko le go okamela badiri ba ipelegeng go bona gore ba dira tse di tshwanetseng.
“Dikomiti di tshwanetse go itse fa di tshwere dithoto tsa setshaba ka jalo ba tshwanetse go bereka ka manontlhotlho,”a tlhalosa.
A re go mo maruding a dikomiti gore ba rute setshaba ka botlhokwa jwa go thapiwa le go tlotla tiro ya ipelegeng.
A re dikomiti tseo ke palamente ya motse ka jalo go botlhokwa gore maloko a nne teng ka dinako tsotlhe fa go tsewa ditshwetso tse di amang setshaba sa bone.
Le fa go ntse jalo, o ne a kgala a menne phatla badiri bangwe ba ba tlang tirong ba nole bojalwa mme a ba tlhagisa gore ba ka felela ba kobilwe mo ditirong ka ntlha ya go dira jalo.
Gape a re kwa ipelegeng go berekwa ka didirisiwa tse di borai tse di ka gobatsang motho.
A re o namediwa pelo ke gore banana ba ba mo lenaneong le ba dira tiro ya bone ka botswapelo,boineelo le bokgabane.
Rre Kobe o ne a bua ka monyenyo ka nako e badiri ba ipelegeng ba gololang ka yone, a re nako e ba tswang mo tirong ka yone e a mo itumedisa ka jalo ba ka nna le sebaka sa go ikopela mananeo a mangwe a puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : TOBELA
Event : POTSOLOTSO
Date : 29 Mar 2017






