Lesang go kala dintsho
29 Mar 2017
Kgosi Paul Motshwane wa lekgotla la Setswana la Gerald Estates kwa Francistown o ikuetse mo Batswaneng go tlogela mowa o o tsweletseng ka go ata wa go tsamaya dintsho ka go di kala.
O dirile boikuelo jo fa a ne a buisana le BOPA mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa go setse go itshupile mo dinakong tsa segompieno gore bangwe ba tsamaya dintsho ba lebeletse dilo dingwe.
A re bangwe ba ya lesong ba lebeletse seriti sa lelwapa la baswelwa.
Kgosi Motshwane a re kwa malwapeng a a itsholetseng, o fitlhela batho ba tshologela ka bontsi, fa kwa itsholelo e leng kwa tlase ba tla ka boutsana, selo se a tlhalosang fa se ka okeletsa ba ba tlhokafaletsweng bohutsana.
O tlhalositse fa go ya lesong go tshwanetse ga nna mo boteng jwa pelo ya motho mme e bile a ya ka maikaelelo a go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng e seng go ba okeletsa bohutsana ka go leba seemo sa bone sa itsholelo.
Kgosi o tsweletse a supa fa Batswana ba tshwanelwa ke go itse gore batho ga ba lekane e se meno, ka jalo e se tshwanelo gore ba ba kobo di magetleng ba tseelwe kwa tlase mo go sepe fela, mme ba thusiwe go tlhatloga mo seemong se se kwa tlase.
“Motho ke motho fela mme e bile re bopilwe mo setshwanong sa Modimo.
Re tshwanetse ra tsaana ka tekatekanyo go sena kgethololo epe, e ka tswa e le ya letso, ngwao kana gore motho ke wa seemo sefe mo itsholelong” Kgosi a gatelela.
O bile a tlhalosa gore nako e gorogile gore e re fa go nna le diemo tsa dintsho tsa motho yo o tlhokileng lesego, go nne le mowa wa bopelotlhomogi le mautlwelobotlhoko.
A re se se ka dirwang ke batho ke go nna ba tla ka matshidiso mme ba kolekela ba ba mo khutsafalong, a tlatsa ka go re go dira jalo e tlaa bo e le nngwe tsela ya go tsosolosa serodumo sa tshaba ya lefatshe leno sa go kgathala ka matshelo a ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : POTSOLOTSO
Date : 29 Mar 2017






