Koporase ya West Hanahai e gatetse pele
29 Mar 2017
E re ntswa dikoporase di tsweletse ka go phutlhama, marekisetso a koporase ya West Hanahai mo kgaolong ya Ghanzi Bokone one a gatetse pele.
Koporase e, e gweba ka dijo le didirisiwa tsa kago. E sale e simolola go gweba ka 1986 mme e santse e itshetletse.
Koporase e, e mo lenaneong la go aga madirelo a magolwane a a tlaa lopang sephatlo sa sedikadike sa dipula.
Mookamedi wa koporase eo, Mme Kgotlagano Machao a re madi a a tlaa dirisiwang mo kagong ke bontlha bongwe jwa dipoelo tsa bone.
O tlhalositse fa khansele ya Ghanzi e le yone e gantsi e ba rotloetsang ka jaana fa e na le ditiro tsa go aga matlo e reka didirisiwa tsa kago mo go bone.
Mme Machao o tlhalositse fa koporase e e na le maloko a le 140 mme e tlhopha khuduthamaga ya maloko a le lesome ya go e tsamaisa ngwaga le ngwaga.
O tlhalositse fa boloko jwa go ikwadisa go nna leloko la koporase e e le P75. Machao o tlhalositse fa go nna leloko mo mokgatlhong wa bone go na le dipoelo ka jaana ba fiwa dikoloto ga mmogo le go ntsha dijo fa mongwe wa maloko a tlhagetswe ke loso.
Mme Machao o tlhalositse gape gore popagano ya maloko a koporase e ke yone e dirang gore e bo e sa ntse e le mo botshelong.
‘Maloko a rona a eme ka dinao, fa re na le bokopano rotlhe re a tla e bile le dikoloto tse re nang le tsone mo mokgatlhong re bona gore re di duele,’ ga bua Mme Machao.
Mme Machao o tlhalositse fa koporase ya West Hanahai e le nngwe ya tse di lesome le bobedi tse di gwebang mo kgaolong yotlhe ya Ghanzi.
O tlhalositse fa e ne ya re ka 2012 dikoporase tse tsa abela kokelo kgolo ya Ghanzi dikobo di le lekgolo, e le nngwe ya tsela ya go thusa setshaba gape e le gone go supa fa ba ikemetse.
Mme Machao o lebogile lephata la dikoporase ka jaana le ba thusa mo go rutuntsheng maloko ga mmogo le go dupa dibuka tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Mackenzie
Location : GHANZI
Event : POTSOLOTSO
Date : 29 Mar 2017






