Thuo ya dinonyane e bogadi bo gaufi
29 Mar 2017
Rre Letamo Letamo wa kgotla ya goo-Mpshwe kwa Serowe o tswa bonyaneng a na le lorato mo thuong, bogolo jang ya dikoko, selo se a tlhalosang fa se gwetlhilwe ke go bo batsadi ba gagwe ba ne ba itshetsa ka temo -thuo.
E re le ntswa a ne a sa tsaya thuo ya dikoko ka tlhoafalo kwa tshimologong, selo seo se ne sa fetoga fa puso e simolola lenaneo la LIMID, a tsaya kgwebo ya dikoko ka tlhoafalo ka a ne a rekisetsa ba ba thusitsweng ka lenaneo leo dikoko tsa Setswana.
Rre Letamo o simolotse ka go rua dikoko tsa Setswana mme ya re morago a di tlatsa ka opintene.
Ya re a tsweletse a atolosa kgwebo ya gagwe go akaretsa dipidipidi le dintsa ka 2014 a dirisa dipoelo tse a di boneng ka go rekisa dikoko.
A re mo kgwebong ya gagwe, o kopane le dikgwetlho di tshwana le dibetso tsa tlholego le malwetse a akaretsa korobela, dilo tse di neng di mmaya ka fa mosing ka a ne a sena kitso e e kalo mo go tsone.
Mangwe a matshwenyego a a kopanang nao ke go tlhorontshiwa ke dinoga mme a reka dipidipidi tse a tlhalosang fa tsone a ne a di ruetse go di rekisa le go sireletsa dikoko ka jaana pidipidi e sa lebele noga.
Go rua dintsa gone a re e ne e le go lwantsha bogodu jo bo neng bo mo apesitse kobo ka letshoba mme morago a bona go le botoka gore le tsone e nne bontlha bongwe jwa kgwebo, a tiisitswe moko ke tsala ya gagwe yo a itshetsang ka thuo ya dintsa.
Rre Letamo a re loruo lwa gagwe lo mo thusitse go ikagela ntlo. A re gape o kgona go duelela bana sekole e bile ga a sa tlhole a itse go reka nama ya koko le fa e le mae. Rre Letamo o tlhalositse fa a na le keletso ya go agela dikoko dihoko tse di phuthologileng. ENDS
Source : BOPA
Author : Tshenolo Kgaoganang
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 29 Mar 2017






