Breaking News

Ba ditsheko tsa lefatshe ba tlhabolola ntlo

28 Mar 2017


E ne ya re bosheng ba lekgotla la ditsheko tsa lefatshe ba tlhabolola ntlo e ba neng ba e agetse ngwana mongwe yo o neng a tlhokafalelwa ke motsadi kwa Diphuduhudu mo kgaolong potlana ya Letlhakeng.
Mokwaledi yo mogolwane go tswa kwa lekgotleng leo, Mme Jullie Boima o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ba thusa ba ba tlhokileng lesego.
A re ka 2004, lekgotla le ne la ikgolaganya le ba boipelego kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng gore ba ba batlise mongwe yo ba ka mo fang thuso ba bo ba tlhophela ngwana yo, yo ka nako eo a neng a dira lokwalo lwa botlhano mme a sena tlhokomelo epe e a e bonang ka a ne a nna le nkukuagwe.
Mme Boima a re ka 2006 ba ne ba mmatlela setsha mme ba tsaya tshwetso ya go mo agela.
Ba ne ba simolola go aga ka 2007.
A re kago e, e ne ya ba tsaya lobaka lo lo leleele ka ba ne ba dirisa madi a a tswang mo dipateng tsa bone mme e bile ka nako eo ba ne ba le palo potlana.
Mme Boima o supile fa e rile ngwagatlola ba ile go tlhola ngwana, ba kgatlhantshiwa ke ntlo e se mo seemong se se itumedisang e bile go nna batho ba sele ngwana yo a e agetsweng ene a nna go sele e bile a disa.
A re selo se se ne sa ba gwetlha go bona gore ngwana o ne a dirile jang mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa boraro mme ba fitlhela a ne a pasitse e bile a dumeletswe kwa sekoleng se segolwane sa Matsha mme a sa kgona go tsweledisa ka ntlha ya go tlhoka kitso ka a ne a le kgakala le ditlamelo.
A re ene ya re ngogola ba ikopanya gape kwa tirong ba dumalana gore ba ye go dira dipaakanyo kwa ntlong eo jaaka go penta, go tsenya mabati le matlhaba phefo.
Mme Boima a re ba ne gape ba ikgolaganya le ba boipelego go leka go batlela ngwana yoo sekole mme a itlhophela go tsena sekole sa tiro ya diatla.
O tlaa simolola sekole seo kgwedi e e tlang kwa Molepolole.
O supile fa lekgotla le tlaa tswelela ka go thusa ngwana yoo ka ba tswa le ene kgakala mme gape ba mo eleletsa masego ka ba dumela fa a tlaa dira sentle mo dithutong tsa gagwe ka ele ngwana yo o botho e bile a na le boikarabelo
Moithuti yoo, Banthusitse Beexee, one a tlhalosa fa a itumeletse thuso e a e filweng a re o ne a tshogile gore basamarea ba ba molemo bao ba tlaa tsamaela ruri morago ga go mo agela ntlo mme o itumelela go ba bona ba buile gape go tla go dira dipaakanyo.
A re ka se o ba leboga go menagane e bile o tlaa tswelela a ba tshepha gore ga ba kake ba mo latlha ka letsatsi lepe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Refilwe Molapisi

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo dimpho

Date : 28 Mar 2017