Breaking News

Mosadi tshwene o jewa mabogo

28 Mar 2017



 Motlapele o boletse a re phokoje go tshela yo o dithetsenyana.
A ke mangwe a mafoko a a neng a rothegela Mme Dimpho Madema, yo o dingwaga di masome mabedi le borobabongwe, yo o tlholegang kwa Makobo, mme a gwetlhega go itshetsa ka tiro ya diatla.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Madema o tlhalositse fa e le moitseanape wa go baakanya dikhomputara ga mmogo le tsa pabalelo ya matshelo a batho.
A re morago ga go aloga mo dithutong, o ne a nna ka lobaka mo lwapeng a sa dire sepe ka a ne a sa bone mmereko ka jaana malatsi ano go se motlhofo go bona tiro le fa motho a rutegile.
Fela o ne a seka a dirisa letlhoko la ditiro e le seipato go emisa tswelelo pele ya matshelo a gagwe, ka a ne a itse ka tlhomamo gore metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati.
“Ke ne ka tlelwa ke mogopolo wa go batla tsela e e molemo e e ka nthusang go itepatepanya le manokonoko a botshelo,” a bua jalo.
O ne a tlatsa ka go re gape o ne a eletsa go dira sengwe se se pharologanyo go supa fa e le ruri bomme ba na le bokgoni mo mererong ya dikgwebo mme e bile ba ka nna le seabe go ka tswakanya le go tlhabolola itsholelo.
Mme Madema o tlhalosa fa a ne a itemogela gore bomme ka bontsi ba rata go dira ditiro tse di motlhofo di akaretsa go apaya le go loga gareng ga tse dingwe, mme e bile ditiro tse di setse di tletse mo mmarakeng.
Ka jalo ‘Mma Dee’ jaaka a itsege, o tlhalositse fa go le pele a ne a ikgolaganya le rre mongwe yo o bidiwang Modise Balu, yo ka nako eo a neng a le mankge mo kgwebong ya ditshipi.
Mma Dee o tlhalositse fa rre yoo a ne a nna le lerato le le kwa godimo le bopelotelele go dira nae, mme e bile a supa fa kgolagano ya bone e ne ya mo tswela mosola go kwatabolotsa makwati mo tirisong ya tshipi.
“E ne ya re ke sena go tsaya malebela ka simolola ka iketlo go loga ditshipi mme ka kgatlhegela go loga diokomela bagwe,” a tlhalosa jalo a bolela fa a ne a simolola ka go direla mo lwapeng kwa Makobo.
A re baagi mo motseng le metse e e mabapi ba ne ba simolola go kgatlhegela tiro ya gagwe mme seo sa mo thusa go dira letseno le le nametsang.
Mo tsamaong ya nako, Mme Madema o tlhalositse fa a ne a utlwalela ka dithuso tsa madi a banana go itshimolela dikgwebo, a rotloetsega go leba kwa diofising tsa tlhabololo ya banana, metshameko le ngwao mo Francistown go ya go tsaya tlhaloso e e tletseng ya go ikopela dithuso tsa go nna jalo.
A re o ne a thusiwa ka dikgakololo le gore go tlhokafala eng gore a tlatse difomo tsa ikopelo madi jaaka go batla leina la kgwebo mme o ne a e bitsa Miracles Steel Productions.
“Ke ne ka dira gotlhe mo go tlhokafalang go tlatsa fomo ya ikopelo madi, mme e ne e re fa ke sa tlhaloganyeng teng ke sa ipone tsapa go ya go botsa kwa diofising” a bua jalo.
O tlhalositse fa e ne ya re a fetsa go tsenya kopo a tswelela le tiro ya gagwe mo lwapeng mme ka Phukwi ngogola, Mme Madema o tlhalosa fa kopo ya gagwe e ne ya atlega mme a thusiwa ka P98 000, a a tlhalositseng fa a ne a kgona go reka didirisiwa tsotlhe tse a neng a di tlhoka.
A re ka a ne a sena madirelo, o ne a ikgolaganya le ba lekalana le le thusang go godisa dikgwebo la Local Enterprises Authority, ba a supileng fa ba ne ba lemoga maikaelelo a gagwe mme ba mo thusa ka go mo hirisetsa lefelo la madirelo kwa Francistown.
Mma Dee o tlhalositse gore fa e sale a bona dithuso le lefelo la madirelo, one a itoma wa tlase molomo go ntsha ga tshwene gore a ntshe dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo go ka kgatlhisa leitlho la bareki.
A re bareki ba gagwe ba akaretsa dikhampani ka go farologana, batho ka bongwe ka bongwe le marekisetso a dithoto tsa kago, a tlatsa ka go nankola mangwe a marekisetso a Hardware North, Mathangwane Hardware le Hardware Inn.
Mme Madema o tlhalosa fa Miracles Steel Productions e na le babereki ba le bane a le mo palong le ene.
Selo se o tlhalosa fa e le mangwe maiteko a gagwe go leka go fefosa go bula diphatlha tsa mebereko.
E ne ya re fa a ema bomme ka ene ka lefoko la kgothatso, Mme Madema a ba kopa go ikemela ka dinao go itshupa fa ba na le bokgoni go itirela ka diatla mme e bile ba ka dira ditiro tse di tlwaelesegileng e le tsa borre fela.
A re bomme ba tshwanetse ba itse fa go le mo maruding a bone go bona gore seriti sa bone e nna se se tsholetsegileng ka dinako tsotlhe.
O bile a itebaganya le banana gore ba se tlelwe ke mowa wa boitlhobogo mo botshelong ka lebaka la gore letlhoko la ditiro le kwa godimo mme e bile le ama bone segolo bogolo.
A re se ba tshwanetseng ba se dira ke go tlhagafalela go latela metlhala e e leng teng ya khumo, a paka gore ditiro tsa diatla fa di ka tsewa tsia, di ka thusa ba le bantsi go ora molelo wa mariga.
Gape o ne a tlatsa ka go re mananeo a teng a puso e lekang go nonotsha Batswana mo dikgwebong ka go farologana.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : potsolotso

Date : 28 Mar 2017