Breaking News

Go dira ka natla mo tirong go a busetsa

28 Mar 2017

Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi Rre Oatlhotse Hiri  o akgoletse badiri  ba lekgotla leo go dira ka  natla le botswerere mo ditirong tsa bone tse di farologaneng  mo ngwageng wa madi wa 2016/2017  le ntswa go ne go na le dikgwetlho tse di neng di ba eme pele tsa letlhoko la madi le tse dingwe.
Modulasetilo Rre Hiri  o buile se ka Labotlhano mo maitisong a dijo tsa maitseboa   a  kabo dietsele a  ba neng ba a rulaganyeditse  e le tsela nngwe ya go ba leboga le go ba  tiisa moko go tswelela ba dira ka botswerere  mo go thuseng setshaba mo lefatheng leno.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo Rre Hiri o tlhalositse fa ngwaga o, e ne e le o o thata ka jaana makgotla a kabo ditsha a ne a  lebanwe ke kgwetlho e tona ya letsholo la kwadiso ya ditsha  lefatshe leno ka bophara (LAPCAS)  e e neng e solofetswe go  fetswa ka kgwedi ya Mopitlo e ya fifing ngogola mme ga retela mme lephata la oketsa lobaka la teng go fitlha  ngwaga ono kgwedi eno e fela.
Mo lobakeng leo, Rre  Hiri o boletse fa mongwe le mongwe wa  badiri ba lekgotla leo a ne a tshwanelwa ke go loma molomo wa tlase a itlama  go bereka ka bopelotelele go tlhomamisa gore tsotlhe di tsamaya ka thelelo  go diragatsa maitlamo a bone.
A re  mo nakong eo  babereki ba ne ba patelesega  go bereka morago ga dinako tsa pereko, go kgaogana le ba masika  mo lobakeng lo lo leele go tlhomamisa gore seelo se ba neng ba se beetswe sa go kwadisa ditsha se wela ka fa go solofetsweng ka teng le gone go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi tsa go thusa setshaba ka fa go tlhokegang ka teng.
 Le fa go ntse jalo  Rre Hiri o boletse fa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi le dirile go le gontsi  ka le kgonne go gaisa makgotla a mangwe mo go diragatseng ikwadiso ya ditsha mo lefatsheng leno ka  mo nakong ya gompieno ba setse ba le mo  seelong sa  98%  le gone go rarabolola dikgang tse di neng di ntse di le teng tsa  kabo ya ditsha mo metseng e e farologaneng le dikgang tse dingwe.
A re go maleba gore bodiredi jwa lekgotla leo bo lebogiwe ka tiro e ntle e ba e dirileng le gone go itlama go direla lefatshe leno ngwaga o o fetileng fa le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano, go tsenelela ditiro tse di farologaneng tsa kgaolo eo le gone gore ba kgonne go supa mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato  ka go agela motlhoki mongwe ntlo kwa motseng wa Tshane.
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi o ne a  kgothatsa badiri botlhe ba ba tlaa amogelang dietsele go tswelela ba ntsha ga tshwene le gore le ba ba sa neelwang le bone ba intshe kwa morago ka go tsaya malebela mo go bone gore mo nakong e e tlang le bone ba ikgapele dietsele.
O ne a ba kgothatsa ka go supa fa go dira ka natla go busetsa a kaya fa ‘Ntsa go fiwa e e lelekang’ le  go nopola  mafoko a temana nngwe  e e mo Baebeleng ya gore mongwe le mongwe o tlaa tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe.
Fa a ba ema ka lefoko molalediwa wa tlotla  wa letsatsi leo Kgosi David Toto wa bobedi wa Tsabong  o ne a rotloetsa  badiri mo lekgotleng leo go gatela pele ka go tsenya marapo dinameng ka  seo se ka ba kgontsha go  isa lekgotla leo pele le gone go tlhabolola kgaolo eo.
Mo mafokong a gagwe a tebogo, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha le lebotlana la  Tsabong, Rre Tuelo Moseki o ne a  kgothatsa ba lekgotla la kabo ditsha go tlhoka go tlhaba kgobe ka mutlwa mme ba tswelele ka go kgotsofatsa le go tokafatsa ditirelo tsa bone mo go thuseng setshaba mo kgaolong eo.
Bangwe ba badiri mo lekgotleng leo ba ba neng ba feta masome a mabedi ba ba  dirileng  ka botswerere  ka ngwaga wa madi wa 2016/2017 ka bongwe ka bongwe,  makalana a a farologaneng,  ba ba dirileng bontle mo go tsa mabelo, bommabontle ba ne ba lebogiwa ka madi, ditlankana le dikopi.
 Ba le lesome  bone  ba ba neng ba kgatlha leitlho la modulasetilo wa lekgotla leo le mokwaledi ba ne ba atswiwa ka madi le  ditlankana e le tsela nngwe ya go ba leboga.
Maitiso ao a dijo tsa maitseboa a ne a natefisiwa ka moopelo wa khwaere ya lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi,  maboko  le mmino o o iketlileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Maitiso a dijo tsa maitseboa

Date : 28 Mar 2017