Breaking News

Banni ba kopiwa go latlha matlakala sentle

27 Mar 2017

Banni ba Machaneng kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba kopilwe go latlha matlakala ka tsela e e babalesegileng go itsa go kgotlela tikologo.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Patrick Bokhutlo yo o tlhokomelang lehuti la matlakala kwa motseng oo, a re matlakala a borai mo setsheding sengwe le sengwe, ka jalo go botlhokwa gore a latlhwe sentle.
Rre Bokhutlo, yo gape tiro ya gagwe e leng go tsaya matlakala fa gare ga motse go a isa kwa lehuting la matlakala a re morafe wa Machaneng o sa ntse o tlhoka thuto e e tseneletseng ka fa matlakala a tshwanetseng go tshwarwa ka teng.
A re le fa go agilwe mafelo a matlakala fa gare ga motse, bontsi jwa batho ga ba dirise mafelo ao ka fa tshwanelong.
O supile gore bangwe ba kgona go latlhela matlakala fela gaufi le mafelo ao ba sa a gorose fa go tshwanetseng a bo a boa a gasama mo motseng.
Rre Bokhutlo a re kwa lehuting la matlakala le gone ga go na tirisanyo mmogo.
O ne a tlhalosa gore ba kgaogantse lefelo leo ka dikarolwana go supa gore matlakala a mofuta ofe a latlhelwa mo letlhakoreng lefe.
A re mme batho bangwe ba ba ikisetsang matlakala ga ba tseye selo seo tsia.
O bolela fa seo se felela se kgoreletsa dikoloi go fetela kwa go tshwanetseng teng mme go felele go le tlhakatlhakano ka jaanong matlakala otlhe a tshololelwa fela mo kgorong.
Rre Bokhutlo o ne a kopa badirisi ba lehuti leo go emisa tiro eo.
A re lehuti leo le tshwanetse go dirisiwa sentle ka jaana le le mo lefelong le bontsi jwa leruo le fulelang mo go lone mme go na le kgonagalo ya gore fa go nna le botlhaswa, leruo le je leswe le le tswang mo lehuting leo le bo le felela le tsenwa ke bolwetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MACHANENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 27 Mar 2017