Dikoporase di ka godisa itsholelo
27 Mar 2017
Puso ya Botswana e dumela fa dikoporase di ka kgona go thusa go godisa itsholelo ya lefatshe le ya batho, ke ka moo e tsweletseng ka go tlhaba mokgosi gore Batswana ba tlhame dikoporase ka di ka fokotsa letlhoko la ditiro.
Kwa Letlhakeng banana ba le lesome ba ne ba nna tsebe ntlha go utlwa mokgosi o mme ba ikopanya go simolola koporase ya Makhubu Biodiversity Conservation Cooperative Society e e dirilweng ka maikaelelo a go simolodisa tsa bojanala kwa Letlhakeng le go somarela tikologo.
Mo potsolotsong, modulasetilo wa koporase eo, Rre Tshireletso Mokaekwa o tlhalositse fa tikologo, e e sa kgotlelesegang e ka oka bajanala e bile a re Letlhakeng o segofaditswe ka tikologo e e pharologanyo e e nang le tebego e e kgatlhisang, mme sebe sa phiri e le gore tikologo eo ga e a tlhokomelesega.
A re Letlhakeng o na le diruiwa tse dintsi jaaka ditonki, dikgomo le dipodi tse ka botsone di babalelang tikologo.
A re batho ba latlhela matlakala gongwe le gongwe fa ba bangwe ba kgaola ditlhare le go bapala di-tsa tlholego go sena kelelelo mme a re dilo tse di ka kgoreletsa bojanala le go baka khumanego le botsogo jo bo kwa tlase mo bathong.
A re mo koporaseng ya Makhubu ba kopane e le barata-tikologo le pabalelo ya yone e bile bontsi jwa bone ba dirile dithuto tsa bojanala, mme a re ke sone se ba dumelang gore go dira bojanala o tshwanetse wa simolola ka go somarela tikologo le di-tsa tlholego.
O tlhalosa fa dingwe tsa tse Makhubu e di dirang e le go tsosolosa ngwao ya merafe e e fitlhelwang mo Kweneng Bophirima ka jaana e le yone e ba kayang le go ba farologanya le merafe e mengwe.
A re ba thusa botlhe ba ba dirang ka diatla go rekisa tse ba di dirang ka go ba batlela mmaraka.
Rre Mokaekwa a re koporase ya Makhubu e kwadisitswe ngogola ke ba lephata la dikoporase.
Le fa go ntse jalo, a re ba sale ba simolotse mogopolo o wa go simolodisa koporase ka 2013.
A re ba ne ba lebagana le dikgwetlho mo mosepeleng o mme a re o itumelela gore maloko ga ba a ka ba kgobega marapo ka jaana ba rata tshomarelo tikologo bobe.
A re koporase e e tlhamilwe ka maloko a le lesome ba ba nang le dithuto tse di faroganyeng mme a re se se tlaa ba thusa go tsamaisa koporase ya Makhubu ka ba ikgaogantse ka ditiro go ya ka dithuto tsa bone.
Rre Mokaekwa a re koporase ya Makhubu ga e tle go tlhamela basimolodisi ba yone ditiro ba le nosi mme e tlaa tlhamela banni ba Letlhakeng le lefatshe ka kakaretso ditiro.
O supile fa koporase ya Makhubu e le ya banni ba Letlhakeng ka e letlelela mongwe le mongwe monni wa motse yo o nang le keletso ya go nna leloko go ka dira jalo.
O feditse ka go tlhalosa fa a eletsa gore ba-na-le seabe botlhe ba ba eme nokeng ka tshomarelo tikologo, twantsho letlhoko la ditiro le ditlhabololo e le boikarabelo jwa botlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dipako Mothibi
Location : Letlhakeng
Event : POTSOLOTSO
Date : 27 Mar 2017






