Breaking News

Meamuso e tokafaditse matshelo

27 Mar 2017

E re ka jaana puso e inaakantse le go otlolola letsogo go thusa Batswana go akola meamuso ya lefatshe, seemo sa matshelo a batho ka bontsi se setse se tokafetse.
Puso e dira gore balemi, badirelapuso le bana ba dikole ba solegelwe molemo ke madi a a bonwang ka go epa diteemane le tsotlhe tse lefashe leno le nang le tsone.
Bangwe ba ba akolang mananeo a puso ke batlhoki ba ka go tlhoka lesego la thuto ba sa kgonang go nna le tse ba itshetsang ka tsone. E rile fa a bua le BOPA kwa  Kanngwe mo kgaolong ya ga Ngwaketse, Keleame Mme Sehunelo yo botshelo jwa gagwe bo fetotsweng ke lenaneo la go rua dikoko tsa mae tse a di filweng ke ba lephata la temo-thuo. 
Mme Sehunelo o ne a nna mongwe wa Batswana ba ba tsebe ntlha go reetsa le go tsaya tsie mananeo a puso e thusitseng Batswana ba ba tshwanang nae.
O tlhalosiste fa a filwe dikoko di le masome matlhano mme ga latlhega di le tharo mo tseleng.
A re mo nakong eno o kgona go nna mongwe wa ba ba bonwang kwa marekisetsong a matona a dijo fa kgwedi  e fela, e bile o setse a na le lenaneo la go tlhoma ntlo le fa mo nakong eno a sa ntse a kokotletsa.
A re dikoko tse di mo solegela molemo ka jaana o kgona go  phutha mae a le masome mane le botlhano ka  letsatsi mme a boelwe ke P200. 
A re o rekisa morago ga beke ka gore mae a a bo a setse a ntsifetse.
Mme Sehunelo a re o rutilwe ke ba lephata la temo-thuto kwa Pelotshetlha  gore koko ya mae e kgona go tsala sebaka sa ngwaga fela ke gone go bo go ka twe e lapile go tsala. 
A re ba simolotse pele ba kwadisiwa ke ba komiti ya tlhabololo tsa motse wa Kanngwe ba bo ba isa maina kwa go bommaboipelego kwa Mmathethe.
“Keleboga puso ka mananeo a,  a go tlhamiwe a mangwe ka jaana Batswana re le mefuta mme re ka seke re tsee mananeo a le mangwefela.
Ke rata gore puso fa e tlhabolola e lebelele batho ba ba farologanyeng, le bone tota ba ba tlogelang dititro gore go nne motlhofo mo go bone go adima madi kwa dibankeng go itirela dikgwebo.”
Fa a mo kgwa dikgaba, mookamedi wa lenaneo la twantsho lehuma mo kgaolong ya ga Ngwaketse, Rre Kenalemang Tebele a re pele ga ba neelwa mananeo a, Batswana ba ba lebaneng ba rutwa ka tlhokomelo ya dikgwebo tsa go nna jaana, jaaka go thibela malwetse, selekanyo sa metsi le dijo tse ba tshwanetseng go di neela loruo.
O boletse gore ba neelwa dijo tsa mefuta e e rileng selekanyo sa dikgwedi tse pedi, a tlatsa ka go re, gore Motswana a nne le tshwanelo ya go neelwa mananeo a nyeletso lehuma dituelo tsa gagwe di tshwanetse tsa seka tsa feta makgolo a mararo ka kgwedi.
Rre Tebele o boletse gore ba ba berekang Ipelegeng le bone ba kgona go akola mananeo a ka jaana mmereko wa Ipelegeng o kgona go fela mme motho a bo a sala a sa bereke.
A re dikgwebo dingwe di busitse maduo a a nametsang pelo.
O tladitse ka go re Batswana ba tshwanetse go tsaya dikgwebo tse e le teemane e filwe ke puso ka gore digwebo tsa mefuta e e ntseng jaana di kgona go fetela kwa dikokomaneng. ENDS

Source : BOPA

Author : Idah Basimane

Location : KANNGWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 27 Mar 2017