Tlhaelo ya metsi e apere Semitwe
26 Mar 2017
Mme Rosina Gaselebale, yo o dingwaga tse di masome a supa le bosupa wa motse wa Semitwe a re morago ga go fiwa lenaneo la tshingwana ya merogo ka ngwaga wa 2015, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga go nna mo seemong se se nametsang.
O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng a tlhalosa fa bontlha bongwe jwa dijwalo tsa gagwe a ne a di rekisa a dira dipoelo tse di neng di mo thusa go menagane go mo tlodisa dinokana di tletse.
A re seo ya nna tsela e e neng ya mo thusa go tsosolosa seriti sa gagwe ga mmogo le mowa wa go ka ipelega mme e bile bontlha bongwe jwa temo eo o ne a ikaegile ka yone ka jaana ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba kgona go oba letsogo.
Le fa go ntse jalo, Mme Gaselebale a re tsotlhe tse di ne tsa fela ka ponyo ya leitlho ka jaana motswedi wa gagwe wa itshetso o ne wa phutlhama ka mabaka a tlhaelo ya metsi.
A re seemo sa tlhaelo ya metsi se ne sa bifela pele ngwaga o o fetileng mme seo sa phirimisa ditoro le maikaelelo a gagwe a gore lenaneo la gagwe le tswelele le mo fepa.
Mme Gaselebale a re tlhaelo ya metsi e ne ya gaupanya dijalo tsa gagwe ga setlhafala a sala fela a itshopere, mme a re ntswa a tsenyeditswe pompo mo lelwapeng, gape a filwe le yone tanka ya metsi, go ne go le thata gore o ka tlatsa tanka eo. O bile gape a re le fa pula e ne ya na mo go nametsang kgwedi e e fitileng, o ne a retelelwa ke go dirisa tanka eo go ka beeletsa metsi a pula ka e tlhomilwe kgakala le ntlo e e ruletsweng ka disenke e ka yone a ka bong a beeletsa metsi a pula.
Go sale foo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Semitwe Rre Balubile Mothoka o supile fa ba itse ka bothata jwa tlhaelo ya metsi mo motseng jo gape bo beileng bontsi jwa ditshingwana tsa merogo ka fa mosing.
Le fa go ntse jalo Rre Mothoka a re ba begetse ofisi e e maleba ka seemo se mme ba solofeditswe go batla tharabololo ya sennela ruri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : SEMITWE
Event : potsolotso
Date : 26 Mar 2017






