Ba kgaletswe go latlha dipilisi fa ba di neetswe ke ba bongaka
26 Mar 2017
Batswana bangwe ba tsweletse ka mokgwa wa go latlha dipilisi fa ba di neetswe ke ba bongaka, bogolo jang thata dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV/AIDS. Seo se builwe ke modulasetilo wa mokgatlho wa Ideal Woman Association Mme Catherine Kapo mo potsolosong le ba BOPA bosheng.
Mme Kapo a re mokgatlho wa gagwe o tshwenyegile ka go utlwa dipego tse di tsweletseng tse gotweng bangwe balwetse ba ya dikokelong go tsaya dipilisi mme morago ba di latlhele mo mantlwanaeng a boiteketso gammogo le kanti tsa matlakala.
Ka jalo o ne a kgothatsa banni ba motse wa Mahalapye le Batswana ka kakaretso go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo, a ba rotloetsa gonwa dipilisi sentle jaaka ba laetswe ke ba bongaka.
O ne a supa fa selo se se sa siama ka puso e dirisa madi a mantsi go reka melemo ya malwetse ka go farorologana.
A re boeteledipele jwa metse le mekgatlho ka go farologana ba tshwanetse go ema puso nokeng go ka gakolola setshaba ka malwetse a.
Mme Kapo a re puso e eme ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV ga mmogo le malwetse a mangwe fela jalo.
O ne a tlhalosa fa mafatshe mangwe a sa neele batho ba one dipilisi mahala, mme Batswana ba tshwanetse go bona lorato le puso e nang le lone mo go bone.
A re go ka nna maswabi gore bangwe mo nakong ya gompieno ba bo sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela boferefere jwa go tlhoka go tsaya kalafi sentle.
O ne a gakolola gape gore batho ba tshwanetse go emisa nnotagi gore dipilisi di tle di bereke sentle ka fa go tshwanetseng ka teng go lwantsha bolwetse mo mmeleng,a tlatsa ka gore bojalwa le dipilisi ga di a tshwanela go pataganngwa ka seo se le borai.
Mme Kapo o boletse dilo di le mmalwa di akaretsa nnotagi, bakapelo ba bantsi ga mmogo le go amogana didirisiwa tse di bogale e le tsone di anamisang bolwetse, ka jalo batho ba tshwanetse go ikelatlhoko ka dinako tsotlhe go hema go amega ka tsela epe fela.
Go sale foo, o tlhalositse fa a na le dingwaga di feta masome a mabedi le botlhano a tsaya kalafi ya dipilisi tsa diritibatsi tsa mogare wa HIV,a tlatsa ka gore botsogo jwa gagwe ke jo bontle fela thata.
O tsweletse a kgothatsa batho go ja dijo di tshwana maungo le merogo tse di ka thusang masole a mmele go lwantsha malwetse a mangwe go tsena mo mothong.
A re sephiri sa bolwetse jo ke go sala ditaelo tsa bongaka morago le gone go ja dijo tse di maleba tse di ka thusang pilisi go itsetsepela kgatlhanong le mogare.
A re o rotloetsa batho botlhe ba ba tshelang le mogare le botlhe go dirisa dikausu go itshireletsa fa ba tlhakanela dikobo.
Mme Kapo o ne a kopa banana botlhe ba ba iseng ba amiwe ke malwetse a dikobo go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang kana go ikgapha gotlhelele kana ba nne le mokapelo a le mongwe.
O tsweletse a gakolola banana go etela makalana a botsogo a tshwana le la Tebelopele Testing Centre le dikokelwana tse di gaufi le bone go tsaya bogakolodi jo bo nonofileng mabapi le botsogo mo baitseanapeng.
Mme Kapo a re o rotloetsa mongwe le mongwe go tsibogela dikai tse ba sa di tlwaelang mo mebeleng ya bone ka go dira jalo go ka thusa go lemoga bolwetse bo sa le bosha mme motho a tseye kgato e e tshwanetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : MAHALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 26 Mar 2017






