Breaking News

Bogodu ja megala ya motlakase bo a runya kwa Letlhakeng

26 Mar 2017

Go bolelwa fa go tlhagogile bogodu jo bosha jwa megala ya motlakase kwa motseng wa Letlhakeng.
Se se tlhomamisitswe ke mothusa ramapodisi wa Letlhakeng Assistant Superintendent Daniel Katse yo o tlhalositseng fa ba setse ba gatisitse dikgang tsa mofuta oo di le nne.
Ass Supt. Katse o supile fa bogodu jo bo aname thata kwa kgotleng ya Molehele ka jaana e na le ditsha tse disha dile dintsi tse beng ba tsone ba iseng ba simolole go nna mo go tsone.
Assistant Superintendent Katse o gakolotse beng ba matlo go tsenya disireletsi go itsa go thubiwa ga matlo le go itsa go a tlogela a le matlotla lebaka le le leele.
O tlhalositse fa magotswana ao a utswa megala eo motshegare fa batho ba ile ditirong ka jaana ba lemogile fa go ka nna thata go e utswa bosigo ka bangwe beng ba malwapa ba a bo ba le teng e bile le mapodisi ba patorola.
O supile gape gore megala e e utswiwang ke e e mo dipaleng, ya dimmithara ga mmogo le e e mo disoketeng tse di mo teng ga matlo.
A re sengwe se ba se lemogileng ke gore bangwe beng ba malwapa ba thapa batswakwa ba ba senang dipampiri go tla go ba tsenyetsa metlakase mo matlong mo go lemosegang ba na le seabe mo bogodung jo ka ba na le kitso ya gore dilo tseo di teng.
Assistant Superintendent Katse o ne a wetsa ka go gakolola Batswana go seka ba tsenya megala ya motlakase ba ise ba fetse go aga gape go  sena motho yo o nnang mo ntlong ya teng. O tlhalositse gape gore fa batho ba ka lemoga fa go na le bangwe ba ba lebegang e le bone ba utswang ba itsise mapodisi ka bofefo jo bo kgonagalang gore ba tle ba ba tseele dikgato tse di maleba seemo se ise se senyegele pele.
Mongwe wa batho ba ba utswetsweng Mme Maitseo Monokwane o supile fa e le boammaaruri bogodu joo bo le teng ka a ne a utswelwa mogala o o fologang kwa paleng ya motlakase go ya kwa ntlong.  
A re o ne a seyo ka nako ya tiragalo eo mme a lelediwa ke moagisanyi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Refilwe Molapisi

Location : LETLHAKENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 26 Mar 2017