Neelang batho dithuso tse di ba lebanyeng
26 Mar 2017
Bana le seabe mo ditsamaisong tsa puso go tlhokomelong dikhutsana le batlhoki ba kopilwe go neela ba ba tlhokang dithuso tseo ka nako e e tshwanetseng, ka go le maleba go dira jaaka puso e eleditse.
Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Boikago le Madiba, a re ga gona sepe se se utlwisang botlhoko jaaka go ganela batho ka dithuso tse di balebanyeng tsa puso, segolo jang fa go tla mo go tlameleng bana ba masiela ka paka ya sekole.
Rre Goya yo gape e leng mothusa tona wa thuto e potlana, a re puso e ntsha madi go thusa batho , mme go na le bao ba ba batlang go sotla puso e e busang ka go sa e direleng sentle, e re kgabagare ba e supe ka monwana mme a kopa gore batho ba thusiwe ka tse di balebaneng.
Mopalamente o buile ka lenaneo la ditogamaano la setshaba la NDP 11 a re mo go lone ga go na gope fa go yang go agiwa dikole tse disha teng, a supa fa go na le letlhoko kwa Gaborone, Palapye le Kasane.
A re gogola ga toropo ya Gaborone le Palapye go tlhokana le go agelwe dikole tse dipotlana le tse dikgolwane fa kwa Kasane go ne go tlhoka go godisiwa se se teng gore se tseye bana ba mophato wa bone le wa botlhano.
A re kwelo tlase ya maduo le botlhoka tsebe jwa bana di ditlhabisa ditlhong, mme a kopa batsadi le baruti ba dikereke go ame ka dinao go rapedisa diemo tseo mo dikoleng.
Mabapi le ditlhabololo tsa Palapye a re kokelo e tlaa agiwa ka ngwaga wa madi wa 2018/19 kwa Extension 10.
Mopalamente o supile fa kgang e tona e a neng a e tletse e ne e le go rola mokhanselera wa bone yo o magorogo masha kwa kgaolong le gore ba mmone ba lekolane ka a ntse a sa tsoge.
Ka go sa duelweng ga matlo a VDC a re dikomiti di pateletse batho go duela, le go baisa fa pele ga bogosi go ba sekisa, mme a a kopa komiti ya VDC go itse fa e tlhophilwe go tsamaisa dtlhabololo ba sa sokamela gope a re ba tsamaise dilo ka fa tshwanelong e seng ka sepolotiki.
O ne a re batshwanetse go beele dipharologano tsa bone kwa thoko mme ba direla morafe ka botswa pelo ba le seopo sengwe go tlhabololo motse wa bone.
Rre Goya one a lekodisiwa ka tse di VDC tsa dikgotla tse pedi di ikaelelang go di dira le go ne go re fa madi a P10 million a a tlaa fiwang di kgaolwana a ka dira ditsela, motse o ka nna le tebego e e botoka.
Ba VDC ba kopile gore dituelo tsa matlo a VDC di seka sekwe gore di okediwe ka madi a a duelwang a le mannye fela thata.
Kgosi Michael Maforaga wa Palapye o ne a tlhalosa fa kgosi ya Boikago a sa bonala mo kgotleng, ka go bo theogelela kwa kgotleng e tona go lata ditlamelo.
A re e le ba bogosi, ba eletse gore dikgosi di theogelele kwa dikghotleng tsa bone go thusa morafe ba na le ditsompelo tse di tlhokegang.
Mogolwane wa lephata la banana kwa Palapye, Rre Godfrey Seoforeng o ne a tlhalosa fa dituelo tsa metshameko ya dikgaolo di tsweletse go dirwa morago ga gore batsenyediwe madi, mme a supa fa lenaneo la tirelo setshaba le santse le emisitswe ka nakwana, mme go tlaa dirwa diphatlha fela tse di ntseng di le teng fa yo o o neng a le foo a suta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego tsa kgotla
Date : 26 Mar 2017






