Breaking News

Kgosi Segale o kopa Bakgatla go thusa

26 Mar 2017

E re ka jaana dikotsi tsa tsela, dipolaano tsa baratani le borukutlhi di tsweletse ka go gapa matshelo a Batswana,  motshwarelela mothusa kgosikgolo ya Bakgatla Kgosi Segale Linchwe o kopile morafe wa gagwe go thusa go lwantsha seemo seo.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro kwa Mochudi, Kgosi Segale a bolelela morafe fa a sa jesiwe diwelang ke dintsho tse dintsi tse di diragalang mo motseng wa Mochudi le Kgatleng ka bophara.
A re dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho letsatsi le letsatsi a supa fa mo bekeng e e sa tswang go feta ba nnile le dintsho di le thataro tse di bakilweng ke dikgang tse di amanang le borukutlhi le dikotsi tsa tsela.
Kgosi Segale o buile a sa kgwe mathe ka dikgang tseo a tlhalosa fa nako e tsile ya gore ba eme ka dinao go bona gore tsela pedi ba tsaya efe a tlatsa ka gore ba lemogile fa dipolaano tse dingwe di dirwa ka bomo.
A re se se ngomolang pelo ke gore bontsi jwa dintsho segolo thata tsa dipolaano le dikotsi tsa tsela di ama banana thata a re seo se a ba tshosa e le baeteledipele ba kgaolo.
E ne ya re a ba lekodisa ka dikgang tseo mogolwane wa sepodisi mo Kgatleng, Officer Commanding District No.12, Senior Superintendent Kevin Mookodi a re le ntswa dipalo tsa bone di le dipotlana e le mapodisi fa ba lebile dipalo tse dintsi tsa batho mo Mochudi ba leka thata go lwantsha dikgang tseo.
O boletse fa ba ka se kgone sepe ko ntle ga kemo nokeng ya morafe a tlhalosa fa ditiragalo di diragala mo matlhong a bone mme a ba kopa go ema mapodisi nokeng.
O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke dintsho tsa dipolaano thata a supa fa dipalo tseo di godile fela thata a re ngwaga ono ba setse ba na le dikgang di le lesome le boraro.
O kopile setshaba go kopa thuso fa ba na le tlhokakutlwisisano a supa fa go bolaya yo mongwe kana go ikgapela botshelo e se tharabololo e e siameng.
E ne ya re a ama dikgang tsa dikotsi tsa tsela a bolela fa ngwaga o o fetileng go tlhokafetse batho ba le lesome le borobabobedi a tlatsa ka gore ngwaga o o fetileng one go tlhokafetse ba le masome a mararo le borobabongwe.
Senior Superintendent Mookodi o supile gape gore mo dikotsing tseo go na le bangwe ba ba neng ba thulwa ke terena a tlhalosa fa ba sa itse gore mabaka a gore ba thulwe ke terena e ne e le eng.
A re kgang e e tshwenyang gape ke ya go itseela dikobo ka dikgoka a tlhalosa fa ka ngwaga wa 2015 go thubeditswe batho ba le masome a supa le borataro mo Mochudi fela fa ngwaga o o fetileng gone go nnile le dikgang di le masome a supa le borobabobedi.
O buile a menne phatla ka kgang eo a re ga e ba jese diwelang e le mapodisi a supa fa dinako tse dingwe go na le kgonagalo ya gore ba bolae bao ba ba thubeditsweng go bolaya bosupi a tlatsa ka gore se se ngomolang pelo ke gore bangwe ba ba neng ba amiwa bosetlhogo joo ke bana ba dingwaga tse di ko tlase.
O ne a supa gape gore bogodu jwa leruo le megala ya motlakase le tsone di ko godimo fela thata mo kgaolong ya bone.
O boletse gore ba lemogile fa metse le dikgaolwana tse di akaretsang Pilane,Boseja bokone,Phaphane,Morwa,Makakatlela le Rasesa e le one mafelo a a tshabelelwang ke dikgang tsa borukutlhi thata. Superintendent Olebile Sitale ene o boletse fa kgang e nngwe e e tshwenyang e le boitaolo jwa bana ba basetsana a tlhalosa fa ba nnile le dikgang di le mmalwa tse mo go tsone batsadi ba ikuetseng ko mapodising fa bana ba bone ba sa bonwe.
A re morago ga gore ba sepodisi ba tlhotlhomise dikgang tsa mofuta oo ba lemogile gore ngwana o ne a ile boitaolong fela a na le monna mme o ne a kopa batsadi go bua le bana ba bone gore ba emise mokgwa wa go dira jalo.
E ne ya re ba ba kgwa dikgaba morafe wa bolela fa nako e tsile ya gore batsadi ba tseye maikarabelo mo baneng ba bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : phuthego ya kgotla

Date : 26 Mar 2017