Thoko e golola Nfila mo go ramatheka
26 Mar 2017
Mme Danani Nfila yo o dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi wa motse wa Ditladi o dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go roka go intsha mo go ramatheka monna yo mosesane.
Mme Nfila yo o tlholegang mo kgotleng ya Shashe kwa motseng oo, o tlhaloseditse BOPA mo potsolosong gore e ne ya re ka ngwaga wa 2013 a utlwalela ka mananeo a nyeletso lehuma ka go farologana ga one mo diphuthegong tsa kgotla.
A re go batla go itse ka mo go tseneletseng ka mananeo a, o ne a rwala ditlhako a leba kwa ofising ya boipelego, mme go tloga foo a seka a tlhola a gadima kwa morago mme a tsenya kopo ya kgwebo ya pelo ya gagwe.
O boletse gore fa eneng ekete o timela teng o ne a seke a ipona tsapa go botsa ba ba lebaneng mme ka a ne a ntse a na le lesedinyana la go roka, o ne a bona go le maleba go itlhophela go thusiwa mo kgwebong ya go roka.
“Ke ne ke ntse ke kgona go roka mo lwapeng ka ditsompelo tse di neng di tlhaela, mme ke ne ka ikaelela gore ke bone dithuso tsa kgwebo ya go roka gore ke tle ke kgone go reka tsotlhe tse di tlhokegang,” a bua jalo.
A re ka kgwedi ya Mopitlo ka ngwaga wa 2013, kopo ya gagwe e ne ya atlega mme ba isiwa ithutuntshong ya dikgwedi tse tharo kwa sekoleng sa ithutelo tiro kwa Francistown.
O boletse fa ene ka a ne a na le botsipa gale, mme e bile a na le lerato le le tseneletseng mo go se a neng a eletsa go se dira, go ne go se bokete go tshwara se ba neng ba se tlhatlhelelwa.
Mme Nfila o tsweletse a tlhalosa fa e ne ya re morago ga ithutuntsho eo e e neng gape e akaretsa bogakolodi jo bo tseneletseng jwa go tsamaisa kgwebo ka mo go lolameng a ne a thusiwa ka didirisiwa tsa madi a a kanang ka dikete tse di masome a mararo.
A re madi ao, a ne a mo kgontsha go reka ditsompelo tse di rokang tse a neng a di tlhaela mme kgwebo ya gagwe e a e biditseng leina a re Dan Mat Fashion Design e ne ya simolola go gola mme a rokela banni diaparo tsa maratagolejwa.
Bontsi jwa sebaka o ne a dira letseno le le nametsang ka go roka paka ya dikole tse di mo tikologong ya gagwe mme o tlhalositse gape fa go dira ka natla, boineelo le ka kelelelo diaparo tse a neng a di roka, e le gone go neng ga mo thusa gore kgwebo ya gagwe e gole letsatsi le letsatsi ka jaana diaparo tsa gagwe di ne di kgatlhisa leitlho la banni le baeng mo motseng wa Ditladi.
Mme Nfila o ne gape a supa fa kemo nokeng ya khansele ya Bokone Botlhaba le yone e nnile le seabe se segolo mo go godiseng kgwebo ya gagwe.
“Khansele e nkeme nokeng ka go mpha sebaka sa go rokela baithuti ba ba thusiwang ke khansele ka paka ya sekole,”a tlhalosa jalo.
Mme Nfila o tlhalositse fa mo nakong eno, kgwebo e ya gagwe e mo thusa go ikinola mo lehumeng le le tseneletseng le ba gagabo ka jaana a kgona go oba letsogo kgwedi le kgwedi.
O boletse fa a setse a kgonne go ithekela dipodi di le tlhano tse a reng di tsweletse ka go ata mme gape o kgonne le go ikagela ntlwana ya boitiketso.
Mme Nfila o ne a leboga dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma, a re fa di ka tsewa tsia ke botlhe ba ba nnileng lesego go di akola malwapa ka bontsi a ka tlhabologa.
Go sa le foo, Mme Nfila o kgadile batho bangwe ba ba sa batleng go nna le mowa wa boipelego go itshetsa le ntswa go na le mananeo a a ka ba tlodisang dinokana di tletse.
A re ene o ipoleletse gore ga a kitla ka lepe letsatsi a batla go dirisa dikgwetlho tsa botshelo tse a kopanang le tsone e le seipato go sa tswelela mo botshelong, fa e se go di dirisa e le lere ya katlego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : DITLADI
Event : POTSOLOTSO
Date : 26 Mar 2017






