Breaking News

Tlhatlhobo ya mmu e botlhokwa

23 Mar 2017

Modiredi wa lephata la tlhokomelo tiriso ya lefatshe kwa Tonota, Rre Mathanzima Modongo o gakolotse balemi ba Tonota Botlhaba go tlhatlhoba mmu wa masimo a bone pele ga temo gore ba tle ba itse gore ba tshwanetse go dira eng go ka bona thobo e e botoka.

O ne a bua jaana mo ketelong masimo ya balemi ba kgaolo bosheng, mme a tlhalosa fa go le botlhokwa gore molemi ka dinako tsotlhe a itse naga e a e abetsweng go lema mo go yone.

Rre Modongo o tlhalositse fa tlhatlhobo ya mmu e efa molemi sebaka sa go ka tsenya menontshane e e tlhokegang kgotsa go itse dijalo tse di ka mo fang thobo e e nonofileng.

A re go le gantsi balemi ba lema fela mme e re morago fa go ka diragala gore dipula di ne di le dintsi, ba senyegelwe ka ba ne ba sa ela tlhoko gore lehatshe le sekamela ntlheng efe.

O gakolotse balemi gore fa ba lema ba nne ba kgabaganya mokgokolosa go itsa metsi go gogola dijalo.

Rre Modongo o ne a ba gakolola gape gore ba dire ditotoma tsa mmu kwa thoko ga masimo go leka go kganelela metsi kwa ntle fa dipula di na.

Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya balemi ba Tonota Botlhaba, Rre Nchenje Mogapi o tlhalositse fa ketelo masimo e ba berekela ka go bo ba fana maele a go ka tlhabolola temo.

A re ngwaga le ngwaga go nna le phetogo e bile balemi ba dikgaolo tse dingwe ba kopile go tla go bona jaaka ba dira gore le bone ba tle ba itlhabolole, selo se a reng se ba tiisa moko go ka dira go feta jaaka ba ntse ba dira.

Rre Mogapi a re ba ikaelela go oka bagwebi go reka dijo tsa bone.

A re ketelo masimo e ba fa sebaka sa go amogana dikitso le dingongorego magareng ga balemi le baitseanape ba tsa temo e bile go ba fa nako ya go baakanya diphoso.

O kgothaditse balemi go tsaya dithuto tse ka tlhoafalo gore ba kgone go gola ka go bo ba ka itshetsa ka temo.

Mme Jersey Mokibito mo kgaolwaneng ya Goloshabe, a re o lemile diekere tse nne tsa mmidi le e le nngwe ya ditloo le manoko mme o tlhalositse fa a itumeletse temo ya gagwe.

A re o simolotse temo ka Hirikgong a tlhola gane, a lema ka ditonki, a tomela dipeo ka seatla.

Gape a re se se mo solegetse molemo ke go bo tshimo ya gagwe e kgabile, e tlhogile sentle e bile a tsweletse ka go tlhagola.

E re le ntswa a itumeletse go bo tshimo ya gagwe e le ntle, Mme Mokibito a re o ne a a tlhaselwa ke seboko sa mmidi.

A re e ne ya re a se lemoga a kopa thuso mo molemising yo a neng a mo fa chefi ya Cypermethrin e e bolayang seboko se, ka go tlhoka lesego a re go ne ga nna thata go mo tswela mosola ka go bo dipula di ne tsa na matsorotsoro di tsholola chefi mo mmiding.

Mme Mokibito a re ka go twe dilo makwati, e ne ya re nako nngwe a lebeletse nngwe ntlha mo ditshwantshong tsa motshikhinyego a ithuta gore chefi e ya mmidi e kgona go kopanngwa le molora o o metsi wa Sunlight.

A re fa a sena go dira jaaka a ithutile, seboko se se ne sa fela e bile mmidi wa gagwe o tsweletse ka go nonofa mo e bileng a na le tsholofelo ya gore o tlaa roba mo go botoka.

O gakolotse balemi ba e leng gore ba ka tswa ba ne ba sa itse gore ba ka dira jang seboko se go tsaya malebela mo go ene.

Mme Bester Mokgethi wa kgaolwana ya Tapaladipoo a re ene tshimo ya gagwe e lebega e tlaa dira sentle ka go bo a tlhagola, a tlhalosa fa a lemile ngogola ka Sedimonthole a le masome mabedi le bone a lema ka terekere diekere di le tlhano a lema mmidi, dinawa, manoko le mabele.

A re mhero o montsi ka go bo pula e ne ya na thata mme ka go bo a batla go atlega, ga a a ikaelela go emisa go tlhagola go fitlhelela a fetsa.

Gape a re le ntswa a tla a thapa batho go mo thusa, bangwe ba felela ba sia ba sa fetsa ditumalano ka gobo tiro e le ntsi mme o boletse fa se e le nngwe ya dikgwetlho tsa molemi tse di batlang a ititaya ka thupana.

O kgothaditse balemi gore ba seka ba nna itsapa go tlhagola mhero ka go bo o jela dijalo dikotla, e sere gongwe ba tloga ba tswa ba iphotlhere.

Mme Mokgethi o gakolotse gape gore ba seka ba tshela manoko mmu o le bokgola ka moo go ka bodisa dijo.

Rre Tom Mafokate wa kgaolwana ya Kgari a re mo kgaolwaneng ya gagwe ba tshwenngwa ke setlhatshana sa molelwane se a reng ga se laolesege.

A re setlhatshana se se ba jesetsa mo lesweng ka gore se ja dikotla tsotlhe, mme dijwalo di sale di bopama. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebalepile Phuthego

Location : TONOTA

Event : Puisano le Balemi

Date : 23 Mar 2017