Breaking News

Boradinama ba falotse ka tshoba la mogodu

23 Mar 2017

Banna bangwe ba le bane ba falotse molato wa bogodu jwa leruo o o neng o ba lebane kwa Shashemooke morago ga gore mongongoregi wa kgang a e tsholole.

Banna ba ke Justice Botsie wa dingwaga tse 37, MacDonald Mokgothu yo o 47, Goitsemodimo Sebetela yo o 22, ga mmogo le Modise Sebetela yo o dingwaga di 22.

E ne ya re bosheng ba fitlhelwa ka dinama tsa dikgomo tse tharo ke mapodisi a Gerald kwa Francistown ka makuku a naka tsa kgomo.

Kgang e ne ya begwa semmuso kwa lekgotleng la Setswana kwa Shashemooke, mme ditlhotlhomiso tsa tswelela.

Mo ditlhotlhomisong tsa tiragalo e go ne ga lemosega fa dikgomo tseo tsa tshipi ya C K B Y tsa mebala e khunwana, e tshunyana le e tlhabana di ne di senyakilwe matshwao e le tsa ga Rre Senatla Oneile wa Shashemooke yo a neng a le mo patlong ya tsone kwa merakeng ya Mooke.

E ne ya re tsheko e tshwanetse go tsena kgwedi eno e le lesome le botlhano, basekisiwa ba lopa gore ba fiwe sebaka go ya go buisana le mongongoregi.

Ka jalo lekgotla la sekegela tsebe topo ya basekisiwa mme ba nna le sebaka go kopana go buisana kwa bothokong.

E ne ya re fa tsheko e e tsena gape kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le motso, mongongoregi a tlhalosa fa pele ga lekgotla gore jaaka basekisiwa ba ne ba lopile go nna le dipuisano le ene, ba ne ba itshwarelana mme ba tshephisana fa jaanong ba tlaa agisana.

“E re le ntswa go utswiwa le go bolawa ga dikgomo tsa me go ntlogetse ke gamaregile ke bohutsana, ke kgonne go buisana le basekisiwa mme e bile ke dumalane le bone gore ke a ba itshwarela ke tsholola kgang,” a bua jalo.

O ne a tlatsa ka go re basekisiwa ba mo tshephisitse fa ba tlaa dirisanya le ene sentle jaaka baagisanyi mme e bile ba tlaa mo thusa le go batla dikgomo tse dingwe tse le tsone di saleng di nyeletse.

Rre Oneile o ne a tlhalosetsa lekgotla gore ga a kitla ka lepe letsatsi a supasupana le basekisiwa ka monwana mabapi le kgang e.

Kgosi David Adam wa Shashemooke o ne a tlhalosa gore o amogela ka oo mabedi tshwaragano le kagisano ya bone mabapi le kgang e, mme ka jalo tsheko e tlaa tshololwa.

Fela mme kgosi o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke mokgwa o wa go tshololwa ga dikgang, segolo bogolo tsa mofuta o ke.

A re dikgang tsa bogodu kgotsa borukutlhi bope fela ke dingwe tsa dikgang tse di masisi mme e bile di tsweletse ka go tshwenya.

Ka jalo a gatelela fa dikgang di tshwana le tse di tlhokana le go tseelwa dikgato tse di gagametseng gore kgabagare di nyelele nyeledi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SHASHE

Event : Lekgotla la Setswana

Date : 23 Mar 2017