Breaking News

Se tlatseng noka leswe

23 Mar 2017

Letshitshi la noka ya Thamalakane kwa Maun le kgotlelesegile ntateng ya batho ba ba le jelang nala mme ba tlogele leswe le gasame.

Lefelo le, le bapile le dikole tse dipotlana tsa Moremi le Thamalakane mo kgotleng ya Riverside. Mo go lone lefelo le, go setlhare se setona se se moriti o tsididi se se ikadileng mo thoko ga noka e, medi ya sone e metona e fetogile ditilo mo go ba ba ikhutsang ka fa tlase ga sone.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Kebiditswe Kgositamma yo o agileng go bapa le lefelo le, o tlhalositse fa bajanala ba tlogela leswe le tshwana le dikhakha le meteme ya dinotsididi, mme a re seo ga se mo jese diwelang ka go bo se tlogela tikologo e sa lebege.

O ne a supa fa bangwe ba iphitlha ka tlhaga e e mo nokeng mme ba itiketse mo nokeng e.

A re seo ga se a siamela botsogo jwa ba ba dirisang metsi a a tswang mo nokeng e go nowa le go tlhatswa ka a ka ba tsenya malwetse a tshwana le letshololo.

O ne a supa fa go itiketsa mo nokeng go le botlhabetsi mo leruong le le fulang mo letshitshing ka go ka tsenya leruo bolwetse jwa mabele jo baruakgomo le ba lephata la matlhoko a leruo ba lelang ka jone.

Rre Kgositamma a re se sengwe gape ke gore dikhakha tse di nna botlhabetsi mo matshelong a dimela tse di mo tikologong le tsone ditshedi tsa metsi di tshwana le ditlhapi tse bangwe ba itshetsang ka tsone.

A re khansele ya Bokone Bophirima e agile ntlwana ya boitiketso mo lefelong le mme batho ga ba rekegele go e dirisa mo a supileng e le go tlhoka boikarabelo jwa batho ba ba dirang jalo.

A re se sengwe ke gore khansele e ne ya baya tanka ya matlakala mme go lebega bangwe ba tsholotse matlakala a a neng a le mo teng ba a tlogela a gasame.

E re ka kgaolo ya Bokone Bophirima e le ya bojanala, a re seemo sa lefelo le, se ka se kgatlhe bajanala ba ba tswang mafatsheng a sele go etela lefelo le.

Rre Kgositamma a re bana ba dikole ba rata lefelo le mme ba le dirisa ditiro tse di maswe jaaka go goga motsoko le go nwa majalwa mme e re a ba kgalemela ba mo fetole ka mokgwa o sele.

“Fa ke leka go kgalema batho ba nkolopa ka ditlhapa ba bo ba ntsholofetse go nkitaya,” ga bua Kgositamma.

A re leswe le le bakwa gape ke gore lefelo le, le bapile le marekisetso, ka jalo batho ba reka dijo le dinotsididi mme ba ikgogele fa lefelong le go jela le go iketla teng, bogolo jang ka mafelo a beke.

Rre Kgositamma o ne a kgothatsa batho go nna le maikarabelo fa ba etetse lefelo le, ba tlhaloganye gore noka e, e oka bajanala, ba itsholelo e ikaegileng thata ka bone, mme fa e kgotlelesegile e ka seke e kgatlhe ope.

A re batho ba dirise ntlwana ya boitiketso e e mo lefelong le go hema kanamo ya bolwetse jwa mabele mo dikgomong ka nama ya seruiwa se se lwalang bolwetse jo e sena boleng.

Rre Kgositamma a re batho ba tshwanetse go somarela matlotlo a tlholego gore dikokomane tse di tlang le tsone di tle di akole bontle jwa tlholego.

O ne a wetsa ka go kgothatsa ba Green Scorpion go etela lefelo le kgapetsakgapetsa le go netefatsa gore tanka ya matlakala e teng ka dinako tsotlhe. A re khansele e tshwanetse ya tswa ka maano a go atlhola ba ba bapisang ntlwana ya boitiketso.

“Khansele e dira tiro ya yone mme fa ba ka tshwaraganela tiro e ya netefatsa gore lefelo le le nna phepa le ba sepodisi, seemo se ka fetoga,’’ ga bua Rre Kgositamma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matshelo Billy

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 23 Mar 2017